Seso se monate se ingwaelwa
16 Mar 2014
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o kopile banni ba Qabo le Kuke go itepatepanya le botshelo jwa segompieno go na le jwa bogologolo.
Mothusa tona o buile mafoko ao fa a ne a tshwere diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng.
O boleletse banni gore puso e ntshitse mananeo go ba thusa gore matshelo a bone a tlhabologe.
A re go le gantsi batho ba ba nnang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo, ga ba emele matshelo a bone ka dinao.
A re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go nna mo bonnong jo bo siameng.
O tsweletse a re le fa go na le lenaneo la ga Tautona la go agela batlhoki matlo, le bone ba tshwanetse go leka bojotlhe go nna le bonno jo bo siameng.
Mme Tshireletso o boleletse banni gore ba le aramela le santse le ba tlhabetse ka go inaakanya le mananeo a puso gore ba kgone go itshetsa le go aga bonno jwa sennela ruri.
Mothusa tona o kopile batsadi go rotloetsa bana go tsena sekole ka gore thuto ke yone tsela le boammaaruri mo botshelong.
A re o lebogela gore dipalo tsa bana ba ba yang kwa mmadikole tse di tswang mo metseng e e kgakala le ditlamelo mo lefatsheng leno e ntse e a gola, ka jalo go supagala go ntse go tswa tema.
Mothusa tona o kopile mothusa mokwaledi wa khansele gore batho fa ba tsaya mananeo a puso ba seka ba bewa ka ditlhopha ka gore fa batho ba le mo ditlhopheng kgwebo ya bone ga e tsamaye sentle.
A re go bereka ka ditlhopha ga go na go solegela batho bao molemo le gone ba tsile go palelwa ke go itshetsa ka mananeo ao ka e bile ba lela ka theko ya dilwana gore e kwa tlase.
A re bodiredi jwa khansele ya Ghanzi ga bo dire dilo sentle, a re o ipotsa gore mathata a ka tswa a le fa kae.
O kopile bodiredi joo go tshwara diphuthego mo metseng gore ba kgone go thusa batho ka bonako.
O tsweletse a re dingongorego tsotlhe tse di ntshitsweng ke batho ba metse eo ga se tse di tshwanetseng go mo emela, a tlatsa ka go re fa e le gore ba etela batho mo metseng go ka bo go se na mathata ka gore a tshwanetse go rarabololwa ke khansele.
Fa ba akgela, banni ba re ba lebogela mananeo a puso ka gore mo malatsing ano ba tshela botoka le fa go se na theko e ntle.
Banni ba Kuke ba re bana ba sekole sa Kuke ba ba nnang mo dihoseteleng ba na le kgwedi ba feletswe ke dijo.
Ba kopile gore bana bao ba thusiwe ka bofefo jo bo kgonagalang.
Ba tsweletse ba re kwa sekoleng seo matlo a boitiketso ga a mo tirisong, se se raya gore bana ba ya kwa sekgweng mme ga go a siama ka gore ba ka nna ba longwa ke dinoga.
E rile a araba dilelo tsa bone, Mme Tshireletso a kopa mothusa mokwaledi wa khansele go tsaya kgato go bona gore bana ba thusiwa ka dijo ka bonako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Mar 2014






