Nayang Kaisara...
16 Mar 2014
Bagwebi ba Palapye ba kopilwe go duela lekgetho.
Mookamela lephata la makgetho (BURS) kwa Palapye Rre, Moatlhodi Tsie o kopile jalo mo thutopuisanong ya bagwebi ka Labone, Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le boraro.
Rre Tsie o tlhalositse fa lekgetho e le lone le tlhabololang matshelo ka go isa ditlamelo kwa bathong le gone go dira ditlhabololo tse ba di tlhokang mo magaeng.
O ne a tlhalosa mefutas ya makgetho a tshwana le lekgetho la madi a dipoelo, la dithoto, le la baji-bareki.
A re makgetho ao otlhe a tlhoka go duelwa fa go tshwanelang teng ka e le one a go beilweng mo go one.
A re go le gantsi lekgetho le tlhokwa mo kgwebong e e dirang dipoelo tsa P500 000 ka ngwaga, mme fa di le kwa tlase ga seelo seo, mong wa kgwebo ke ene a ka tsayang tshwetso ya gore a o batla go kwadisetsa lekgetho la VAT.
A re fa motho a kwadisitse lekgetho, o na le gone go ka supa gore a kgwebo ya gagwe e dira dipoelo kana nnyaa, a tlatsa ka go re mo lekgethong la VAT go na le la 12 per cent wa dipoelo le la 0 per cent la gore kgwebo ga e dire dipoelo mme e kwadisitswe.
A re go na le setlankana sa lekgetho se gantsi se tlhokwang fa motho a tsena mo ipapatsong kana ikopelo tiro.
O ne gape a re fa motho a kopa tiro a se na setlankana sa VAT, ga a tshwanela go tsenya VAT.
Mogolwane wa kwadiso ya dikhamphani go tswa Serowe, Mme Banyenyi Magana ene o ne a tlhalosa ka kwadiso ya dikhamphani mme a gwetlha bagwebi go obamela molawana o mosha wa dikhamphani.
A re mogwebi o tshwanetse a supa dipoelo tsa ngwaga kwa go bone.
O tsweletse a re kgwebo e duelela ditlamelo tsotlhe tse e di batlang di akaretsa phetolo leina la kgwebo, go ntsha yo mongwe mo kgwebong fa e ne e tlhakanetswe le thekiso ya diabe.
Mme Magana a re khamphani e tshwanetse go nna le mokwaledi yo o itsegeng sentle a wela ka fa tlase ga bakwaledi ba dikhamphani, ka e le ene mmueledi wa khamphani ka dinako tsotlhe.
Mogolwane wa lekalana la tsa kgwebo go tswa mo khanseleng, Rre Keitumetse Keiphithi ene o ne a akgela ka go re kgwebo nngwe le nngwe e tshwanetse go nna le mokwalo o o e letlelelang go ka gweba.
Fa a bua ka diteseletso tsa thekiso ya bojalwa, ya thekiso le ya go dira dithoto, Rre Keiphithi o tlhalositse fa diteseletso tseo di sa beelwe nako fela fa di itebagantse le se di se kopetsweng.
O ne a tlhalosa ka teseletso e e lomaganyang bagwebi, a re yone e na le sebaka se e se fiwang mme e bo e ka duelelwa fa e fedile.
A re motho o ka gweba a filwe teseletso kgotsa setlankana, fela pharologano ke gore teseletso e letlelela mogwebi go nna le lefelo la kgwebo fa setlankana sone se ka berekela mo lwapeng.
Fa ba mo kgwa dikgaba, Mme Khumoyame Lekoko wa kgwebo e e rutang bagwebi ka tsamaiso ya kgwebo o ne a re dithuto tse ba di filweng di botlhokwa mme a re di nne di tshwarwa nako le nako go ba tiisa moko le go ba gakolola ka tse puso e di tlhokang mo go bone gore ba seka ba iphitlhela ba wetse ka motlhobodika wa dikoloto.
A re fa go ka nna le therisano, tirisano mmogo le lorato fa gare ga bagwebi, ba ka tswelela.
O kopile bagwebi ka ene go itse se mogwebi yo mongwe a se dirang gore fa tiro e bapadiwe ba gakololane.
Fa ba akgela, bagwebi ba kgaolwana potlana ya Palapye ba ne ba re go dilo di le dintsi tse di ba tsietsang mo go farologanyeng dikgwebo tse di kwadisiwang le tse di sa kwadisiweng kwa go ba kwadiso dikhamphani.
Ba kopile gore tsa boranyane di tokafadiwe go itsa go tobatoba ga batho ba ba batlang dithuso kwa ofising ya ba kwadiso dikhamphani.
Mongwe wa banana, Rre Moemedi Serumola a re madi a a batlwang mo sengweng le sengwe a tsile go humanegisa banana le gone go ba tshabisa go tlhama dikhamphani. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Thuto-seka-dipuisanyo ya bagwebi
Date : 16 Mar 2014






