Mapodisi a tsweletse ka go tsoma mmabana
16 Mar 2014
Mapodisi a ikuela mo setshabeng go ba thusa mo patlong ya ga Mme Omolatlhile Osegofetse yo go bolelwang a phuagantse bana ba gagwe ba le babedi kwa kgotlaneng ya Sekwe mo Letlhakane.
Dipego tsa ofisi ya sepodisi kwa Letlhakane di supa fa mme yoo a sale a phuagantse bana bao ba babedi, yo mogolwane a le ngwaga mme monnawe a le kgwedi tse nne mo mokhukhung o ba neng ba nna mo go one kgwedi e e fetileng e le masome mabedi ka jalo go setse go fetile malatsi a feta masome mabedi a tsenye ka ga re-itse.
Go ya ka mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Detective Assistant Superintendent Lesego Ndebele, bana bao mo nakong eno ba mo tlhokomelong ya mmaabone mogolo yo o nnang kwa merakeng ya Ditawana.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supile fa mmabana yo, a tlholega kwa motseng wa Malatswai mo kgaolong ya Serowe bokone.
Detective Assistant Superintendent Ndebele a re bana bao ba ne ba bona thuso morago ga gore mme mongwe wa moagisanyi a begele mapodisi ka kgang eo a sena go bona yo mmotlana a lela a le nosi e bile a gagabelela ntlheng ya lelwapa la gagwe.
E re go le jalo, mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa loso lwa monna mongwe yo o ikgapetseng botshelo ka go ikaletsa ka terata kwa motseng wa Mokubilo mo kgaolong ya Tonota bokone kgwedi eno e tlhola malatsi a le bofera bongwe.
Mothusa Ramapodisi wa Letlhakane Assistant Superintendent, Zibani Mbisana o tlhalositse fa ba amogetse kitsiso ya gore monna mongwe o ikgapetse botshelo.
Monna yoo, yo maina a gagwe a santseng a lobilwe go itsise ba losika, go tlhalosiwa a fitlhetswe ke mofeti ka tsela a akgega mo setlhareng mme a itsise ba sepodisi.
Assistant Superintendent Mbisana a re ditlhotlhomiso di supa fa moswi a ne a etetse mokapelo wa gagwe mme go tlhalosiwa fa ba ile ba tlhoka kutlwisisano, pele a fitlhelwa a akgega mo setlhareng ka jalo go belaesega a ikaleditse.
Assistant Superitendent Mbisana a re moswi go tlhalosiwa fa a ne a keteka mokapelo wa gagwe morago ga komano eo, mme baagisanyi ba ne ba gakolola bobedi joo go ikopanya le batsadi ka ntwa e se ka ke ya ba agisanya.
Baratani ba go tlhalositswe fa ba na le lebaka la dingwaga tse di fetang lesome ba tshela mmogo e bile ba na le bana ba le bararo.
Fa a ntsha lefoko la kgakololo, Assistant Superintendent Mbisana a re batho ba ikgaphe mo go ikgapeleng matshelo ka go sa rarabolole mathata ape.
“Go ikgapela botshelo go tlogela ba lelwapa ba le mo mahutsaneng bogolo jang fa yo o ikgapetseng botshelo e le ene a neng a tlhokomela lelwapa,” ga tlhalosa Rre Mbisana.
O tsweletse a gakolola baratani go ikopanya le ba boipelego go sidilwa maikutlo kana ba ofisi ya ga molaodi fa ba na le kgotlhang kgotsa tlhoka kutlwisisano. O ne gape a gakolola batho go nna pelokgale go lwantsha mathata e seng go itseela botshelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lopang Obolokile
Location : LETLHAKANE
Event : Potsolotso
Date : 16 Mar 2014






