Baithuti ba fa kokelwana tanka
16 Mar 2014
Kgosi Lotlamoreng II wa Barolong a re go botlhokwa gore baithuti ba itebaganye le ditiro tse dingwe tse di ka tokafatsang matshelo a batho mo metseng e ba ileng go direla mo go yone.
E rile a amogela mpho ya tanka ya metsi le mokwalo o o supang kokelwana ya Goodhope, Kgosi Lotlamoreng II a re dimpho tse ke sekao sa tshaba e e kopanyeng e bile e ipela; tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka ba bangwe, mo maitekong a go fitlhelela toro ya lefatshe leno ka ngwaga wa 2016.
Kgosi a re baithuti bao ba booki ba ne ba tsaya kgato e ntle ya go direla setshaba ka tsela e e faphegileng, e e pharologano mo go e ba e fang batho ka malatsi otlhe mo dikokelong.
A re se se supa fa ba ne ba direla setshaba ka botswapelo le boineelo go leka go tokafatsa matshelo a banni ba kgaolo ya Morolong, go sa kgathalesege gore ga ba tswe mo kgaolong ya bone kana jang.
O tlhaloseditse baithuti bao gore ba seka ba ipona tsapa kana go ngongorega fa ba romelwa mo khutlong tse nne tsa lefatshe leno go ya go direla teng, a tlhalosa fa bana ba kgaolo ya gagwe le bone ba gasame le lefatshe leno go direla setshaba.
O ne gape a leboga setshaba sa Morolong ka go etela kokelo eo, a tlhalosa fa go tla ga bone go thusitse baithuti bao go tsweledisa dithuto tsa bone sentle.
O ne a tsibosa banni ka fa mpho eo e leng ya bone botlhe ka teng, le botlhokwa jwa go e dirisa sentle gore e ba tswele mosola.
A re ba se nose leruo mo tankeng eo ka e beetswe foo go ba namola seemo sa letlhoko la metsi.
Kgosi o boleletse morafe gore go sa diriseng tanka eo ya metsi sentle go ka baka gore e felele e lotlelwa mme metsi a bo a gelelwa ka selekanyetso go tila tiriso ka bofafalele.
E ne ya re a ba ema ka lefoko, mongwe wa baithuti Mme Boineelo Mokgethwane a supa fa maikaelelo a go tla ga bone e ne e le go ithuta gore setshaba sa Morolong se tshela jang le gone go nonotsha dikitso tsa bone tsa booki.
Mme Mokgethwane a re ba ne ba dira tshekatsheko mo motseng go batla se e leng letlhoko le legolo mme ba lemoga fa letshwao le le supang kokelo le letlhoko la metsi e le tsone konokono e ba ka itebaganyang le yone.
A re boimana jwa banana le malwetse a tlhakanelo dikobo ke kgwetlho mo kgaolong ya Morolong, mme le fa go ntse jalo ba ne ba felela ba ruta setshaba le baithuti ka seemo seo.
O tlhalositse gore ba ne ba kopana le dikgwetlho tse dintsi jaaka letlhoko la dipagamo, go sa nneng le seabe se se feletseng ga morafe, nako e khutshwane e ba e filweng le go sa nneng teng ga badirela puso mo diofising go ba fa tshedimoso e e lolameng.
E ne ya re fa a amogela baeng, mogolwane wa kokelo eo, Mme Monica Dikupe, a re baithuti bao e leng Shylock Nyamunga, Mpho Seretse, Boineelo Mokgethwane le Kagiso Motlasuping, ba ne ba tsile go ithuta ka fa balwetswe ba tshwarwang ka teng.
Mme Dikupe a re ka e le lantlha ba amogela baithuti ba go nna jalo, o kgothatsa ba sekole sa ithutelo booki go ba isa kwa metseng e e kgakala le ditlamelo.
A re se se ka thusa go re fa ba fetsa dithuto ba bo ba ithutile matshelo a koo.
O tlhalositse gore go bewa mo metseng e megolo go dira gore fa ba isiwa kwa dikgaolong ba bo ba bona ekare ba a sotliwa ka ba ise ba itse gore teng go tshelwa jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : GOODHOPE
Event : Kabo mpho
Date : 16 Mar 2014






