Breaking News

Ba Mambo ba lebogela ditlhabololo

16 Mar 2014

Banni ba Mambo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba lebogetse ditlhabololo  tse di dirilweng mo motseng wa bone  le fa ntswa  ba ikuela ka dingwe tse ba tlhalositseng di ba baya ka fa mosing.

Fa a amogela baeng mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre City Kealotse kwa motseng oo bosheng Kgosi Obuile Mambo o  lebogetse  go bo kgotla ya bone e ntshafaditswe.

A re kgotla eo jaanong e mo seemong se se botoka fa e tshwantshwanngwa le pele, a re seo ke maiteko a magolo a puso ka go bo e bone go tshwanela go dira jalo le ntswa  lefatshe le santse le farafarilwe ke mathata a tlhaelo ya madi.

Le fa gontse jalo, Kgosi Mambo o kopile gore go gokelwe motlakase mo leobong la kgotla, go bo go tsenngwa ditshipi tse di kganelang magodu mo diofising tse ba direlang mo go tsone, ka jaana ba bereka ka dipampiri tse di botlhokwa tse di tlhokang tshireletso.

Kgosi o tlhalositse fa seemo sa ditsela tse di lomaganyang motse le e e mabapi se le maswe fela thata, a tlatsa ka gore se bifisitswe  ke dipula tse di tsweletseng ka go gosomana ka bokete mo kgaolong eo.

Mo go tse dingwe, Kgosi Mambo o ne a supa fa ba le sebete se molangwana ka  kemedi e e tlhaelang ya mopalamente wa bone Rre Charles Tibone, a re o sale a ba tlhola la bofelo ka ngwaga wa 2010.

A re go tlhoka go bonala ga mopalamente wa bone, go ba baya ka fa mosing ka jaana matshwenyego mangwe a ba tshwanetseng go a isa palamenteng mo nakong eno, ba sa itse gore ba ka a lebisa kwa go mang.

Fa a ama tse dingwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mambo, Mme Julia Atlholang, o kopile gore go emisiwe dijo tse di fiwang babereki ba Ipelegeng mme boemong jwa moo, madi a a dirisiwang mo thulaganyong eo, a tsenngwe mo dikatsong tsa babereki bao.

Mme Atlholang o ne a bo a kopa gore maloko a dikomiti tsa makgotla a batsadi le barutabana  a fiwe dikatsonyana, ka ba dira namane e tona ya tiro ya go tsaya karolo mo thutong ya bana, a bo a tlatsa ka gore go tshwanetse ga dirwa tshekatsheko ya go okediwa le dikatso tse di fiwang maloko a di VDC.

Fa a tswa la gagwe, Rre Kealotswe o ne a itsese banni  fa maikaelelo a phuthego eo, e ne e le go lekola morafe le go bona gore a mananeo a puso a a leng teng a tsweletse  sentle mo metseng.

Rre Kealotswe, yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Mapoka, o ne a rotloetsa banni go inaakanya le mananeo a puso go itirela sengwe se ba ka itshetsang ka sone, a bo a ba gwetlha  go nna le mowa wa go tsholetsa bangwe ka bone ka go reka dithoto tsa bone fa ba na le dikgwebo dingwe mo motseng.

Mo go tse dingwe, motshwarelela mothusa mokwaledi wa makgotla a Setswana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Oreneetse Setshwaela o tlhaloseditse morafe wa Mambo fa thulaganyo ya go gokela motlakase mo leobong la kgotla le go tsenya ditshipi tse di thibelang magodu e tsweletse.

Mme Setshwaela o tsweletse a tlhalosa fa go na le dikgotla tse thataro mo kgaolong go balelwa le ya Mambo, tse di santseng di direla mo dikagong tsa VDC, a re fela go agiwa ga diofisi tsa kgotla go santse go tshwerwe ke kwelo tlase ya itsholelo ya lefatshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Mar 2014