Kepo ya metsi e tlisitse matlhotlhapelo
16 Mar 2014
Lenaneo le le tsweletseng la kago ya dipompo tsa metsi la karolo ya bobedi la North South Carrier 2, le le tswang Moralane go isa metsi kwa ditankeng tsa Palapye, le tsesitse matlhotlha pelo mo bathong bangwe ka go epolola marapo a batsadi ba bone ba ba saleng ba fitlhilwe kwa masimong a Maotokgonyana.
Mogolwane gotswa kwa lephateng la metsi, Rre Jonase Ramosalagadi, a re dikatakata tse di epang go tsenya dipompo tsa metsi, tse di epelwanang kwa teng, di feletse di feta fa mabitla a kileng abo ale teng bogologolo mme seo sa raya gore ba epolola marapo a baswi.
Ba ne ba tsaya marapo a batho bao, go a baakanyetsa go ka ya go bolokwa gape, a tlhalosa fa go bewa ga one go tla dirwa Mopitlo a rogwa, fa tirelo yotlhe e tla tshwarelwa kwa kgotleng, mo boleng teng jwa ba masika.
Rre Ramosalagadi o ne a tlhalosa fa ditshenyegelo tsotlhe di ya go nna mo maruding a puso, ke gone ka moo baneng ba bona go tshwanela go rerisana le molaodi le borara ka tiro eo gore ba batswe thuso ya kafa e ka dirwang botoka ka teng.
O tlhalositse fa go epolotswe ditopo tsa batho bale bane, mme ba babedi go lebega basa amiwa ke kepo eo, a re ba lekile go ba batla gore ba ba tseye botlhe mme ga baa kgona go ba bona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 16 Mar 2014






