Breaking News

Maduo a wetse tlase

16 Mar 2014

Mothusa mogokgo wa sekole sa Magare sa Pandagala kwa Tutume, Mme Chedu Seeletso, a re  maduo  a  sekole seo  a 2013 a wetse tlase ga  go tshwantshanngwa  le  maduo a  ngwaga wa  2012.

Mme Seeletso o buile seo mo phuthegong ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo bosheng.

A  re  ka  2012  maduo  a  A, B le  C e ne  ele  79.7%  fa  a  ngogola  e ne  e le  74.9%, mme mo godimo ga moo baithuti ba  le  120  mo go  baba 171  ba ba neng ba kwala lokwalo  lwa  boraro, ba kgonne  go  bona  phatlha kwa sekoleng  se  segolwane  mme mo go bone  go le  ba ba tsereng maduo a  D.

O ile  a tlhalosa fa seo se ne sa baya sekole mo maemong  a  botlhano mo dikoleng tse  di  lesome  le  bobedi tse  di  mo kgaolong ya Tutume, fa mo kgaolong ya Legare  se le mo maemong  a masome a mararo  le bone mo dikoleng tse  di  masome  a robabobedi  le  bongwe.

Mme Seeletso o tsweletse a bolela fa mo maduong ao go supagala fa baithuti ba basimane ba wetse tlase thata kana e le bone  ba ba sa dirang sentle go na  le  ba basetsana.

A re fa ba sekaseka, ba lemogile gore bontsi jwa baithuti ba basimane ba ba sa direng sentle, e le bao ba ba robang melawana ya sekole, ba sa tsene sekole sentle.

Mme Seeletso o ile a kopa batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana le go leka go bontsha bana ba basimane tsela, le go ba lemotsha botlhokwa jwa thuto.

O ile gape a kopa batsadi  go  lebelela tiro ya bana ya sekole, ka  go  kile ga nna  le  kgang ya  gore  barutabana bangwe ba dithuto dingwe ba laela baithuti  go kopolola mokwalo mo dibukeng ba sa ba tlhalosetse.

Mogokgo wa sekole seo sa Pandagala, Mme Thandie Motlhagodi,  o ile a kopa batsadi  go duela madi  a  sekole  le madi  a  letlole  la  PTA.

A re ka gompieno  go  dirisiwa maranyane  a  sesha, ba ka duela madi  a sekole gongwe  le gongwe mo lefatsheng fa go nang  le sekole  se  segolwane. O ile a supa fa ba tshwenngwa ke tshenyo e e dirwang ke baithuti mo dithotong tsa sekole, a re seo ke poelo morago.

Batsadi ba ne ba supa le bone ba tshwentswe ke kwelo tlase ya maduo, ba re gongwe e ka tswa ele go fetolwa ga lenaneo la dithuto mme seo se tsietse baithuti. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya batsadi le barutabana

Date : 16 Mar 2014