Monna o thusa mo ditlhotlhomisong
16 Mar 2014
Mapodise a Takatokwane a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano wa motse wa Molepolole go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la mosadi mongwe wa motse wa Salajwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng.
Go ya ka mogolwane wa mapodise a Takatokwane, Superintendent Ocean Maraganyane, rre yoo, o go bolelwang e ne e le mokapelo wa moswi, go bolelwa fa e le ene a bonweng la bofelo a na le ene. Superintendent Maraganyane o boletse fa ba ile ba begelwa fa mme yoo a sa bonwe mme ba tabogela kwa motseng wa Salajwe go ya go thusana le morafe go mmatla.
A re mo letsholong la bone la go mmatla, ba ne ba fitlhela masalela a motho kwa ntlwaneng ya boitiketso kwa mabitleng a motse oo, mme ba masika ba netefatsa fa diaparo tse di fitlhetsweng e le tsa mosetsana yoo.
Rre Maraganyane a re ba ne ba bitsa ba bongaka go tla go tlhatlhoba setopo mme ba boloka moswi lone letsatsi leo ka a ne a setse a senyegile, a tlatsa ka gore rre yoo o ne a tshwarwa le ene ka lone letsatsi leo, kwa motseng wa Gabane.
Superintendent Maraganyane a re batsadi ba mosetsana yoo ba supile fa ba tsere lebaka go begela mapodise fa mme yoo a sa bonale, ka ba ne ba tsaya gore o ile ditsela tsa gagwe mme o tla boa.
Rre Maraganyane o ne a gakolola batho gore ba tlhokomele bana ba bone ga mmogo le bagodi ka jaana dipula dile dintsi e bile e le nako ya go bapala maungo a naga, selo se a reng gantsi se baka gore batho ba timele. A re mo bogaufing ba ne ba begelwa batho bale bane ba ba neng ba timetse ka malatsi a a farologanyeng kwa motseng wa Kaudwane, mme a re ka lesego botlhe bane ba bonwa ba tshela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 16 Mar 2014






