Breaking News

Ba bosekisi ba batla go bula tsheko sesha

16 Mar 2014

Ba bosekisi ba gomagometsa go bula kgang e mo go yone  go neng go tlhokega bosupi jo bo tletseng jwa kgang, mme se sa retelela kgang ka jalo kgang  ya teng ya felela e tsholotswe.

E rile mosekisi, Sub- Inspector Tshiamo Montshiwa a bua  bosheng kwa kgotleng ya ga mmakaseterata ya Molepolole a tlhalosa fa ba batla go bula kgang eo gape ka gore ba dumela gore ba tla kgona go bona bosupi jo ba neng ba bo tlhoka.

Senior Inspector o ne a tlhalosa gore e ne ya re mo go batleng bosupi joo kgang e ne ya tshololwa dilo tse dingwe di ise di goroge kwa di neng di tshwanetse go ya teng.

Montshiwa a re, bosupi jo tota ba bo tlhokang bo mo ditsong tsa difaele tse di beilweng tsa thelebishine ya Botswana. E bile a tlhalosa gore go ya ka ene ditshwantsho tse di ne tsa supiwa e le dikgang mo BTV.

O ne  a tlhalosa gore lekgotla la Molepolole le ne la dira mokwalo wa taelo wa gore ditshwantsho tseo di ntshiwe, tse mosekisi a supang fa di na le bosupi jwa basekisiwa ba itseela molao mo diatleng.

Mme ebile a supa fa bosupi joo bo ka rarabolola kgang e e sa bolong go goga ka lebaka.

Rre Montshiwa o ne a supa gape gore o tlhokana le gore lekgotla le mo kwalele taelo e nngwe gape ya gore ba BTV a ba kopiwe go ntsha ditshwantso tseo mme ka jaolo kgang e tswelele.

Mme le fa go ntse jalo basekisiwa ba ne ba supa fa ba gakgametse thata ka ebile mosekisiwa e le ene a di gogang kwa pele a batla gore kgang eo e tsene gape. Ba ne ba tlhalosa fa ba dumela gore go na le segwenegwene mo kgannyeng ya bone e bile ba ikemiseditse go bona gore matsapa di a tsaya kae ka gore kgang e ne e tsholotswe.

Erile mmakaseterata Bhekimpilo Sibanda a ntsha la gagwe a bolelela lekgotla gore kgang eo e tlaa buselediwa kwa go mmakaseterata yo o neng a e tshwere yo  e bileng a felela a bona go le mosola gore e tshololwe.

O ne gape a supa gore mo kgannyeng eo ga gona sepe se se fetogileng e bile a bona go sena lebaka la gore go be gotwe e tsenngwe gape.

Mme ka jalo mmakaseterata, Bhekimpilo o ne a felela a bolela fa kgang eo e tlaa reediwa kwa tshimologong ke mmakakaseterata yo o neng a e tshwere mme e tlaa re go na le mabaka a a utlwalang ke gone ka moo a tlaa e fetisetsang kwa go mmakaseterata yo a bonang go tshwanela gore o ka mo e thusa.

O ne a baa letsatsi la Moranang a tlhola malatsi a le mararo gore kgang eo e tle e bulwe ke mmakaseterata yo o lebanyeng.

Dintlha tsa kgang e di supa gore e ne ya re ka Mopitlo a tlhola letsatsi ka 2013, Rre Masego Phuduhudu wa kgotlana ya Mmopi, le Rre Setoba Kgalaeng, Rre Balimi Kgalaeng le Badisa Kgalaeng botlhe ka boraro e leng ba kgotla ya Difetlhamolelo mo Molepolole, le mosekisiwa wa bofelo ebong Atamelang Molwapula wa kgotla ya

Mailwana, ba ne ba gobatsa Rre Morris Sekgee ka go mo keteka ka dithobane mo a feletseng a gobala monwana a bo a nna le dikgobalo tse di masisi mo mmeleng.

Go ne ga supa gape gore e ne ya re ka Mopitlo a tlhola malatsi a mabedi kwa masimong a Diagane  basekisiwa go belaelwa ba ne ba keteka Tiego Charlie ka dithobane mme ba mo gobatsa  a sala ka monwana oo rurugileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boikanyo Sarefo

Location : MOLEPOLOLE

Event : Tsheko

Date : 16 Mar 2014