Tekatekano ya bong ga se boeteledipele
13 Mar 2014
Tekatekano ya bong, ga se go neela bomme dithata le boeteledipele fela mme gape e tshwanetse ya akaretsa basetsana le bomme ka go farologana ga bone.
Erile fa a bua kwa moletlong wa ipelelo letsatsi la mafatshefatshe la bomme o o neng o rulagantswe ke ba boemedi jwa lefatshe la France mono, mmamelao mogolo Dr Athaliah Molokomme a re go santse go setse go le gontsi mo go ka dirwang go bona tekatekano ya bomme, e e leng tshwanelo ya setho gape e le botlhokwa mo itsholelong.
O boletse gore go ipelela letsatsi la bomme ke go ipelela seabe sa bone, dinonofopo le ikgaratlhelo ya bone kgatlhanong le dikgwetlho.
Dr molokomme o boletse gore letsatsi la bomme gape ke maiteko a go ikuela mo mebusong, makgotla a e seng a puso le batho ka bongwe ka bongwe go nna le seabe mo go fokotseng tlhoka tekatekano.
A re go neela bomme dithata go na le mosola setshabeng bogolo thata ka go tokafatsa dijo, thuto le botsogo tse di botoka. Dr Molokomme o boletse gore dikitsiso tsa mafatshefatshe di supa dikatlego tse di farologaneng le fa mo mafatsheng a mangwe go na le poelo morago.
A re selekanyo sa kemedi ya bomme mo dipolotiking se kwa tlase fela thata mme ditiragalo tsa bosheng ga di nametse ka go santse go na le dikgwetlho tse di akaretsang kgokgontsho ya basetsana le bomme.
Legale a o ne a re o itumedisiwa ke gore bomme mo Botswana ba supile bokgoni jwa boeteledipele jaaka go supiwa ke banagwe ba ba nang le maemo a magolo mo pusong le mo mhameng o o ikemetseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Letsatsi la bomme
Date : 13 Mar 2014






