Matlotla a a kwadisiwa
13 Mar 2014
Mogolwane kwa lephateng la kabo ditsha a re matlotla a tsweletse ka go kwadisiwa ka fa molaong mme go setswe tsamaiso ya kabo ya lefatshe morago.
E rile a buisa makhanselara a Ghanzi mo phuthegong ya khansele bosheng, Mme Keneilwe Laetsang a re, ba lemogile fa matlotla a le mantsi mo lefatsheng, ke ka moo ba duleng ka lenaneo la go a kwadisa mme a re ba kwadisa fela a a nang le dingwaga tse di masome mararo kana kwa tlase ga foo.
Mme Laetsang a re, ba simolotse go kwadisa matlotla mo metsaneng ya Tsootsha, Karakubis le Ncojane mme ba a go tswelela ba kwadisa le mo metseng e e mabapi.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Senaki Sethibane ene a re lekgotla la kabo ditsha le tshwanetse la ya kwa bathong go ba tlhalosetsa ka lenaneo la go kwadisa matlotla.
Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Director Tlharese, o supile fa dingwaga tse di masome mararao di le dinnye fela thata ka a re matlotla a mangwe ke a bogologolo.
Fa a araba dipotso, Mme Laetsang o ne a re ba setse melao ya lefatshe morago ke ka moo ba amogelang fela matlotla a a nang le dingwaga tse di masome mararo kana kwa tlase ga foo.
A re molao o dumela gore fa di feta foo jaanong lefatshe ga e sa tlhole e le la gago o a bo o le latlhile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Omogolo Hans
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya khansele
Date : 13 Mar 2014






