Breaking News

Dikomiti tsa ditlhabololo di kolotwa madi a mantsi

13 Mar 2014

Kgaolo potlana ya Palapye ena le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse dile masome a mararo le botlhano, tse mo go tsone go dirang sentle  dile masome a mararo le boraro, fa tse pedi difeletswe ke nako.

Melala ya dikoloto tsa matlo yone e tsamaya kwa go P581 996.68. E ne yare a lekodisa khansele potlana ya Palapye, modulasetilo, Rre Onneetse Ramogapi, a supa fa dikomiti tseo di ne tsa rutuntshiwa mo tsamaisong ya pego ya madi, melala ya dituelo tsa matlo, ditiro tse ba dirang le mokwalo wa ditumelano le batho ba ba dirisang dikago tsa bone, le dikgwetlho tse ba kopananang le tsone mo dikomiting tsa bone.

Rre Ramogapi a re dikomiti tsa ditlhabololo di lebanwe ke mathata a a golelang pele a melala ya dikoloto tsa matlo tse go lebegang banni ba sena maikaelelo a go di duela, ka ba ntse moriti o tsididi fela; ba ikgatholositse ditumelano tse ba di rurifaditseng le ka monwana fa ba tsena mo matlong ao.

A re nako e tsile ya gore dikomiti di ikemele ka dinao, di tsenye mo tirisong tumelano ya mokwalo wa phiriso. Fa a itebaganya le ditilo le ditafole tsa kwa dikoleng tse dipotlana, o ne a re go sa ntse go na le tlhaelo ya ditilo fa go sale go ntshiwa tsa tshipi, mme a re go setse go dirilwe ipapatso e a solofelang gore e fitisitswe mme ditilo di tlaa rekwa, e bile dikole tseo tse di tlhokang thata etla nna tsone di lebelelwang pele.

Ka thutuntsho ya bana ba ba baakanyediwang lekwalo la ntlha, a re go tlhophilwe dikole dile tlhano ebong; Mogome, Chakaloba, Lesenepole, Diloro, le Matlhakola ka di na le matlo a barutelo a a sa dirisiweng.

Lenaneo leo le setse le simologile, le fa mathata ele gore ga bana matlwana a bananyana; seo eleng kgwetlho mo khanseleng.
Theko ya dibuka tsa dikole tse dipotlana e buseditswe kwa lephateng la thuto le tlhabololo dikitso ngwaga ono o simologa, fa didirisiwa tse dingwe tsa thuto tsone di sa ntse di le mo maruding a khansele, a supa fa madi a abetsweng didirisiwa a le kwa tlase ga a ngwaga o o sa tswang go wela wa madi.

Ka dipitsa tsa dikole o ne a re khansele e ntse e lebanwe ke kgwetlho ya go senyega kgapetsa kgapetsa ga tsone, seo se kgoreletsang go ja ga bana, mme a re ka lesego ba ne ba rutuntsha mongwe modiredi mo khanseleng go itebaganya le seemo se a rileng se tokafetse thata, a kaya fa go setse fale le fale gore tiro e wele.

Rre Ramogapi o ne a bua gape ka kgang ya lekgotla la tsa metshemeko la dikole tse dipotlana la BOPSSA. A re khansele e ntse e tsweletse ka go thusa ka sepalamo le go jesa bana .

O ne a supa letlhoko la dibese le ba apeisa ditota ka ba gorosa bana masigo kwa mafelong a dikgaisano mathata ele gone gore ba dirisa bese ele nngwe, kgaolo yotlhe.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Bokopano jwa khansele

Date : 13 Mar 2014