Breaking News

Kotsi e gapa botshelo

13 Mar 2014

Go tlhokafetse motho a le mongwe morago ga gore koloi e a neng a tsamaya ka yone ya mogobagoba e pitikologe mo tseleng e e tsenang mo Serowe e tswa Mogorosi ka Mosupologo phakela.

Go ya ka ramapodisi a Serowe, Superintendent Paul Molapisi, kotsi eo e diragetse mo mosong ka nako ya borabobobedi. Koloi eo, e ne e pegile dithoto tsa dijo mme go lebega e tswa Gaborone.

A re e ne e nale bapagami ba le babedi, mokgweetsi le mopagami wa mme. Rre Molapisi o tlhalositse fa ditlhotlhomiso di supa fa mokgweetsi a ne a latlhegelwa ke taolo ya koloi eo,ya pitikologa, mme mokgweetsi a utlwa botlhoko mo tlhogong selo se go belaelesegang ele sone se bakileng leso la gagwe le dikgobalo tse di masisi tsa mme yoo.

A re morago ga kotsi, rre yoo, o ne a ragosediwa kwa sepateleng se segolwane sa Sekgoma  kwa a fetileng a rurifadiwa fa a tlhokafetse, fa wa mme ene a sidilega gone kwa sepateleng.

O tlhalositse gore ka pula e ne ena, gongwe le yone e nale seabe mo kotsing eo, a tlatsa ka gore le tsela fa kotsi eo e diragaletseng teng e a kgokologa e bile e mo khoneng.

O ne a kopa bakgweetsi go ela tlhoko seemo sa bosa ka le sone se ka ba thusa go kgweetsa ba le kelo tlhoko. Rre Molapisi a re gantsi ka dinako tsa dipula go diragala dikotsi, mme a kopa bakgweetsi go ela selo se tlhoko go hema dikotsi tsa mofuta o, a tlatsa ka gore ba inaakanye le go bala le go reetsa dikgang tsa seemo sa loapi.

A re gape bakgweetsi ba tshwanetse ba ithuta go bala tsela ga mmogo le matshwao a yone, a supa gore ditsela dingwe ga di a tlhamalala mme go nale matshwao a a supang sebopego sa tsela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : SEROWE

Event : Tlhagiso ka mapodise

Date : 13 Mar 2014