Diphologolo di tlhorontsha balemi
13 Mar 2014
Banni ba Leshibitse ba lela ka diphologolo tse di ba senyetsang mo masimong bogolo jang ditshwene le ditholo.
Banni ba ntshitse selelo sa bone ka labobedi, mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa molaodi wa kgaolo ya Kgatleng, Mme Mosetsanagape Busang le badiredi ba maphata a a farologaneng a puso go ba itsise ka ditirelo le mananeo a puso.
E rile Kgosi Albert Moitoi a amogela badirelapuso mo kgotleng ya gagwe, a supa fa ba sa robadiwe ke diphologolo tse di ba jelang dijwalo mme seo se kgoreletsa maikaelelo a puso a go thusa Batswana ka temo.
A re ditholo le ditshwene ke tsone tshosoerweleng mo tshenyong ka di ja mmidi, dinawa ga mmogo le ditloo mme se se tlile go baka gore thobo e nne potlana.
Kgosi Moitoi a re seemo se, se ba tshwentse fela thata ka jaana maikaelelo a bone fa ba simolola go lema e ne ele go ntsha dijo tse dintsi gore batle ba jese lefatshe.
O tsweletse a re, ntswa diphologolo di ba tshwenya mo masimong, ba lephata la diphologolo le makgabisa naga ga ba rekegele selelo sa bone ka go sena thuso epe e ba e bonang go tswa mo go bone.
Kgosi a re ba rata diphologolo ka jaana di na le seabe mo itsholelong ya lefatshe leno mme ka mo di ba senyetsang ka teng go tlisa mahutsana mo go bone.
Fa a latlhela la gagwe, Rre Milton Dikgatlhe yo le ene e leng molemi mo motseng o, o ne a re, le ntswa ba ikuela mo go ba lephata la diphologolo ga gona le fa ele dikatso tse ba di bonang ntswa ba senyegelwa mo go feteletseng.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la diphologolo le makgabisa naga Rre Maika Maika a re, o utlwa selelo sa balemi e bile ba tla a leka ka bojotlhe go baakanya seemo.
Le fa go ntse jalo, a re le bone e le ba tlhokomelo ya diphologolo ba a ngongorega ka jaana balemi ba tlisa selelo fela sa gore diphologolo di a ba senyetsa mme fa ba di bolaile ga ba di tlise kwa go bone ele bosupi, boemong jwa go dira jalo ba a di ja.
Kgosi Moitoi o ngongoregile gape ka ba lephata la balemise a re, e sale jaaka ba lema ga gona thuso epe e ba e tswilweng ke ba lephata leo ka jaana dijwalo di tlhorontshiwa ke mhero o o di itsang go mela sentle.
A re mhero o, o maswe thata mo kgolong ya dijwalo ka ga se o o ka ntshiwang ka diatla. Mme Esther Ntsima ene a re, ba tshwenyegile thata ka mokgwa o o dirisiwang ke boraditerekere go ba lemela ka jaana go sena lefa ele masimo a a medileng mabaka ele gore ba taboga fela mo tshimong ga ba dirise mokgwa o o tshwanetseng wa go lema. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshegofatso Kwape
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Mar 2014






