Makhanselera a Ghanzi a begelwa ka Tirelo Setshaba
13 Mar 2014
Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi ba farologana ka maikutlo mo lenaneong le le sha la Tirelo Setshaba le le tla a simololang kgwedi e e tlang e rogwa.
E rile a ba baya pele lenaneo le mo phuthegong ya khansele bosheng, mothusa mokwaledi mo lephateng la banana, metshameko le ngwao Rre Jefferson Siamisang a re, lenaneo le le itebagantse le go aga banana le go rotloetsa mowa wa boithaopo o o ka agang setshaba.
A re lenaneo le, ga se tiro ke gone ka moo banana ba ba akareditsweng mo go lone ba yang go direla kwa magaeng a bone gore go seka ga nna le kgwetlho ya boroko jaaka mo lenaneong le le fetileng.
Rre Siamisang a re lenaneo le, le tsere banana ba le 15000 mo go ba ba 26000 ba ba neng ba ikopetse go tsewa mo go lone. O tsweletse a re jaaka dikgaolo di le masome matlhano le bosupa, di filwe banana ba ba lekanang ga gona kgaolo e e filweng banana ba bantsi go feta e nngwe.
A re ba ne ba tsaya banana ba dingwaga tse di masome mabedi go ya kwa go masome mararo, a tlatsa ka gore ba ne ba baya ba ba dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe ka fa mosing, fa ba setse ba tshwanelwa ke go fokotsa dipalo.
Rre Siamisang o tlhalositse gore ga ba a akaretsa dialogane mo lenaneong le, ka a re bone ba na le sebaka se sentle sa go ka bona ditiro mo isagong.
A re ba tsere banana ba ba sa rutegang gotlhelele go ema ka ba dithutego tse go seng motlhofo go bona tiro ka tsone. Mokhanselara Rre Douglas Lemme wa Karakubis o kgadile a sa kgwe mathe lenaneo le, a re ke go senyetsa bana nako mo ba ka bong ba ne ba bona sengwe ba se dira.
Mokhanselara Rre Nathaniel Tuahuku wa Dkar a re o gakgamadiwa ke lenaneo le ka a re, ka nako e tautona e neng ele mothusa tautona ,o ne a kgala lenaneo le fela thata, mme a re o gakgamadiwa ke gore puso e bo e simolodisa lenaneo le gape.
Rre Tuahuku a re, a se puso e se dirang ke go batla go berekisa bana jaaka makgoba. O tsweletse a re, tirelo setshaba ya maloba e ne e tsewa jaaka legato le lengwe la thuto, ka morago ga yone monana wa go nna jalo o ne a nna le tshiamelo ya go tlhatlogela kwa dikolong tsa ithutelo ditiro.
E rile a araba ngongorego tsa bone Rre Siamisang a re, puso e lemogile fa banana ba le bantsi fela thata mo lefatsheng le, e bile e ka seke ya itlhokomolosa selo seo, ke gone ka moo e dirang ka gotlhe mo e ka go kgonang go itebaganya le go tla ka mananeo a go thusa banana ba.
A re banana ba, ba tlaa bo ba bolokelwa P200 kgwedi le kgwedi gore ba tle ba kgone go itirela sengwe mo isagong. A re ba tla a fiwa gape le P500 gore ba kgone go reka melora kgwedi le kgwedi.
Rre Siamisang a re banana ba, ba tla a bo ba tsentswe mo maphateng a a farologaneng jaaka la botsogo,la temo-thuo magareng ga a mangwe ,gore ba ithute dilo tse di farologaneng mo go ka ba fang lesedi gore fa ba tswa mo lenaneong le, ba kgone go ka ipulela dikgwebo tse di potlana tse ba tla a bong ba ithusa ka madi a ba ntseng ba a bolokelwa. Ends
Source : BOPA
Author : Omogolo Hans
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya khansele
Date : 13 Mar 2014






