Breaking News

Kelefitlhile o tlhongwa kgosana ya Kisa

13 Mar 2014

Bontsi  jwa batho bo ne bo phuthaganetse kwa Kisa mo kgaolong  ya Kgalagadi Borwa  mafelo a beke e e fetileng  mo peong semmuso ya ga Kgosana Hendick Kelefhile wa kgotlana ya Kagisano kwa motseng oo.

Kgosana Kelefhile o tlhomilwe kgosana e e letlanyang  ka kgwedi ya Phukwi ngogola, mme ya re kgwedi eno e robabobedi morafe wa Kisa wa keteka moletlo wa peo ya gagwe.

Fa a bua kwa moletlong oo, Kgosi  Matshidiso Babeile wa Kisa o kaile fa ba ne ba bona go le botlhokwa go dira moletlo o ka one ba tla kgonang go bega  kgosi mo morafeng wa Kisa.

A re gape ke letsatsi le ka lone ba tla kgonang go laya kgosana.   Kgosi  Babeile o tsweletse a kopa morafe go mo gakolola, go mo  tlotla ka nako tsotlhe le go mo  ema  nokeng ka seo se ka thusa thata mo go tlhabologeng ga motse wa bone.

Fa a ntsha mafoko a thotloetso kwa moletlong o,mothusa mokwaledi wa makgotla a setswana mo Kgalagadi Borwa, Rre Otsilegape Mokalake o  tlhaloseditse morafe ka seabe le botlhokwa jwa bogosi, a kaya fa puso le yone e lemoga boleng jwa bogosi ka bontsi jwa ditsheko mo lefatsheng leno di sekisiwa mo makgotleng a setswana ke  dikgosi le dikgosana.  

O supile  fa masome a robabobedi le botlhano mo lekgolong a ditsheko, di tsamaisiwa ke magosi e bile di tsamaisiwa bofefo go nale makgotla a mangwe.

O tladitse ka gore magosi le magosana ke bone ba ba agisanyang setshaba le go kua mokgosi ba bitsa dipitso go tla go utlwa  melaetsa e e  botlhokwa le mananeo a puso a ka ba tlhabololang. Rre Mokalake o tlhalositse fa tiro ya kgosana e le go thusa le go gakolola kgosi mo thulaganyong ya tsamaiso ya motse.

Mothusa mokwaledi wa makgotla a setswana o gakolotse Kgosana Kelefhile go dirisana mmogo le morafe le go ba tsaya ka tekatekanyo  gore ba tle ba atlege mo go ageng le go tlhabolola motse wa bone.

Fa  a ntsha la gagwe Kgosana Kelefhile  o kaile fa maikaelelo le maikemisetso  a gagwe e le go bereka le morafe ka boineelo, bopelotelele  le lorato, A kaya fa  seo se ka mo kgontsha go dira tiro ya gawe  motlhofo le ka  botswerere.

O ne a leboga morafe go bo ba tsile ka makatlanamane  a kaya fa e le  thotloetso le kamogelo le go supa mowa o montle  mo go ene. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Johannah Martin

Location : KISA

Event : Moletlo wa go tlhoma kgosi

Date : 13 Mar 2014