Bagwebi ba rutuntshiwa ka ikopelo ditiro
13 Mar 2014
Bagwebi ba kgalowana potlana ya Palapye ga ba bonale ka bontsi mo phadisanong ya ikopelo ditiro, le ntswa di buletswe mogwebi mongwe le mongwe lefatshe ka bophara
E rile a bua ka maikaelelo le maikemisetso a thuto puisano ya bagwebi maabane mo dikagong tsa khansele, mokwaledi wa lekalana la Local Authorities Procument and Assets Disposal (LAPAD), Mme Ontlametse Tshenolo a re, bagwebi ba Palapye ba boutsana mo go inaakanyeng le phadisano le ikopelo ditiro mo khanseleng, ka jalo ke sone se ba ba beditseng go tla go utlwa gore mathata a fa kae.
Mme Tshenolo o ne a re, gongwe mathata a ka tswa a tlisiwa ke go tlhoka itemogelo ya go tlatsa dipampiri tsa ikopelo, gongwe le gone go sa di tlhaloganyeng sentle, jalo a re ba tsile go utlwa sentle mo go bone gore ba thusiwe.
A re gole gantsi ba ba tlisang dipampiri tsa ikopelo ga ba sale melawana morago le ntswa e tlhalositswe ka botlalo ka mokwalo o o lolameng.
A re ele bodiredi maikaelelo a bone ke go nonotsha bagwebi mo tikologong e ba mo go yone, segolo jang bone ba metse ya magae.
O tsweletse a re ba tshwanetse ba kwadise dikgwebo tsa bone, gore fa gona le ditiro tsa nakwana ba kgone go itse gore ba ka tshwara mang kae.
E ne yare a ba tlhalosetsa ka tsamaiso,modulasetilo wa komiti ya tsheka tsheko le go tsaya ditshwetso (Adjudication) Rre Motshegetsi Gorileng , a supa fa gona le tiro e bapadiwa mo dipampiring tsa dikgang le go e baya mo mafelong a setshaba gore e bonwe ke mongwe le mongwe yo o nang le keletso ya go ikopela tiro mo sebakeng sa malatsi a le masome a mabedi le bongwe (21).
O ne a re mofuta wa bobedi wa ikopelo tiro ke wa nakwana, o moikopedi a fiwang sebaka sa malatsi a matlhano fela, ka tiro ya teng e abo e tlhokega go dirwa ka bofefo e bile e se ya madi a mantsi.
A re fa go sekasekwa dikopo , go tlhomiwa komiti ya nakwana fela gone foo. Rre Gorileng o ne a re, mo nakong e nngwe fa baikopedi bale mo phadisanong , go lebelelwa dilo dile dintsi e seng fela gore wa madi a a kwa tlase ke mang , boleng ja dithoto le jone bo tsewa tsia le gore a motho o fitlheletse tsotlhe tse di tlhokwang.
Leloko la komiti ya Adjucation Rre Benedict Bayani, o ne a kopa bagwebi go inaakanya le makgotla a bagwebi jaaka la BOCCIM le la BOBS go tlhabolola dikgwebo tsa bone le go itse ka boleng ja tse ba di dirang.
Rre Bayani a re beng ba dikgwebo ba seka ba ba neela babereki go tlatsa dipampiri tsa ikopelo. A re ba ka kgona ka tirisano mmogo le tshwaragano go rutuntsha bodiredi ja bone ka seo se ka ba fokoletsa go duela madi a mantsi a thutuntsho.
Fa ba akgela Rre Thabo Modisanyane, o ne a re fa go ka lebelelwe boatlhamo ja lefelo le bagwebi ba leng mo go lone, go bo go fokotswa phadisano le batho ba ba tswang bokgakaleng ja bo Maun le Gaborone, gongwe ke gone baka kgonang go phadisana le bagwebi ba kgaolo ele nngwe.
Bane gape ba re phadisano e rulaganngwe ka dikgwebo eseng gore bangwe ba ba botlana, ba ba fa gare le ba batona ba phadisanela ipapatso botlhe, ba re seo se baya bagwebi ba ba botlana ka fa mosing.
Rre Ernest Bulane o ne a re puso e dira gole gontsi go thusa bagwebi, jaanong go mo maruding a bone go dirisa dithuso tse puso e di ntshang, a re gape e ba sireleditse ka gona le dikgwebo tse di seegetsweng thoko ele tsa Batswana fela.
Ba ne gape ba re sekao (Sample) se supiwe fela ke bao ba ba tlhophilweng gona le gore fa motho a ikopela a bo a batliwa sekao sa tse a dibapatsang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Thuto puisanyo
Date : 13 Mar 2014






