Bagodi le bone ba a iteka
13 Feb 2013
E re ka puso e leka ka bojotlhe go ribolola ditalente mo bodiragatsing ka dikgaisanyo tse di farologanyeng jaaka go opela dikhwaere, maboko le go letsa diletso tsa Setswana, bangwe ba itumelela gore puso ga e kgetholole gore ke motho wa dingwaga tse di kae yo o ka tsenang dikgaisanyo tseo.
Rre Jonathan Samuel yo o dingwaga tse di masome a supa le bosupa a re se se file bagodi bangwe ba ba nang le ditalente sebaka sa go itshupa bothakga.
A re le ene ga a ipona tsapa go ya go iteka lesego ka go letsa katara ya gagwe nako le nako fa go na le dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa malatsi a ga Tautona.
Rre Samuel a re o sale a ithuta go letsa katara a le dingwaga tse lesome le bongwe a rutwa ke rraagwe kwa Marapong go fitlhela a thibelela kwa Masunga ka 1979.
E re ntswa e le mongwe wa mabutswa pele a a mo motseng oo, Rre Samuel a re o lemogile fa bagolo fela jaaka banana ba na le ditalente, ka jalo go bonwe go tshwanela gore ba akaretswe mo dikgaisanyong tsa gagwe tsa bo diragatsi.
A re bagolo ba ka ruta basha dipina tsa segologolo, ba ka itshetsa ka go direla dikgwebo tsa bojanala dilo tse di tshwanang le lekgapho kana mekgabisa.
O tlhalositse gape gore puso e ba file sebaka jaaka bagodi gore ba dire botaki mme ba e rekisetse maphata a puso gore ba kgone go itshetsa ba iketshe mo lehumeng.
Rre Samuel a re P250 wa bogodi ka bonosi ga a lekana, ka jalo bagodi ba ba setseng ba na le maatla a go ka tsena mo bodiragatsing jwa dikgaisanyo tsa ga Tautona ba iteke lesego.
A re e sale a tsena dikgaisanyo tsa bodiragatsi o ne a ikgapela madi a a sa feteng P3 000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lucky Doctor
Location : Masunga
Event : Potsolotso
Date : 13 Feb 2013






