Dikganedi tsa mapodisi di dira pharologanyo
13 Mar 2014
Mothusa mookamela mapodisi a pharakano kwa Tsabong, Assistant Superintendent Pandora Kgosimore o akgoletse bakgweetsi ba Kgalagadi go bo ba tsibogetse maiteko a bone a go fokotsa dipalo tsa mokgwa wa go kgweetsa ba nole bojalwa le go tsamaya ka dikoloi tse di sa itekanelang mo kgaolong eo.
O buile jalo bosheng mo puisanong morago ga go dira dikaganedi tsa tsela mo mafelong a beke e fetileng. Mothusa mookamela mapodisi a pharakano o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go fokotsa dikotsi tsa tsela mo kgaolong, bogolo jang ba itebagantse le banana ka e le bone gantsi ba itontelang bojalwa fa ba kgweetsa.
Assistant Superintendent Kgosimore a re go tsamaya ka dikoloi tse di sa itekanelang le go kgweetsa ga bakgweetsi ba nole bojawa go ne ga ba gwetlha go dira dikganedi tsa tsela kgapetsakgapetsa mo kgaolong eo.
O supile fa mapodisi ba ne ba kgona go tlhatlhoba bakgweetsi le dikoloi di le 167, ba mo go bone ba le babedi ba ne ba fitlhelwa ba nole bojalwa fa go tshwantshwanngwa le ba le lesome le bongwe ngogola, fa ba le lesome le bobedi ba ne ba sa dirise mabante a itshireletso.
Rre Kgosimore o kaile fa ba ne ba dira dikganedi tsa tsela gongwe le gongwe fa ba neng ba bona go tlhokafala teng ba ntse gape ba etse seemo sa borukutlhi tlhoko mo motseng. O supile fa ba ne ba tshwara borre ba le bararo mo sekgweng ba go neng go belaesega ba ne ba goga motokwane.
A re fa e sale jaaka ba simolola go tsamaya mo ditseleng ba etse seemo tlhoko, go nnile le pharologanyo mo bakgweetsing ka jaanong ba tlhaloganya e bile ba itse gore ba tshwanetse gore ka nako tsotlhe ba bo ba tsere ditlankana tsa go kgweetsa le gore jaanong ba tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di itekanetse sentle pele ga ba tsaya mesepele le gone go obamela matshwao a tsela.
O supile fa ba tshwenngwa ke bakgweetsi bangwe ba ba inayang naga ka nako ya fa ba dirile dikganedi tsa tsela. A kaya fa go sa siama ka seo se ka ba tsenya mo diphatseng tsa go baka dikotsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 13 Mar 2014






