Ba Otse ba ntshitse matshwenyego
13 Mar 2014
Banni ba Otse mo kgaolong ya Borwa Botlhaba ba rotse matshwenyego a bone mabapi le ditlamelo tsa puso tse ba reng ga di goroge kwa go bone jaaka ba solofetse.
Ba ntshitse matshwenyego a bone kwa phuthegong ya kgotla bosheng, e e neng e buisiwa ke molaodi wa kgaolo ya Borwa Botlhaba le modulasetilo wa khansele ya kgaolo eo.
E rile a amogela baeng kwa phuthegong, kgosi ya motse oo Kgosi Mothusi Tsetse, o tlhalositse fa a leboga thata maphata a mararo eleng, lephata la temo-thuo, la matsalo le ikwadisetso dintsho ga mmogo le la kabo ditsha mo go iseng ditlamelo kwa bathong.
Fa a ntsha la gagwe, molaodi wa kgaolo eo, Rre Ian Tema, o boletse fa maikaelelo a phuthego e ne ele go tla go tlhalosa se se diragalang kwa diofising.
A re ele ba ofisi ya ga molaodi ba lomaganya tsamaiso ya mananeo a puso le go bona gore a a ya kwa setshabeng sentle ga mmogo le go utlwa matshwenyego a bone mo kgaolong.
Rre Tema o boletse fa ba na le komiti e e lebaganeng le dibetso tsa tlholego le go bona gore bana le bogole ba direlwa ka fa tshwanelong.
O tlhalositse gape fa tiro ya bone e le go tlhomamisa gore manyalo mo kgaolong a tsamaisiwa sentle ka lelwapa e le lone motheo wa lefatshe “Banana ga ba tlhole ba tsaya lenyalo ka tlhoafalo, ka jalo re agisanya malwapa a banyalani ga re ba kgaoganye” a tlhalosa jalo Rre Tema.
O ne gape a bolela fa ba na le komiti e e kwadisang bagodi, e e tlhomamisang gore ba ntshafatsa ikwadiso ya bone le gore ba tlhokomela balwetsi ba ba palwelwang mo malwapeng.
Rre Tema a re ba kgalema dikgoberego mo motseng ba tshwaragane le mapodise mo ntweng go fedisa borukutlhi.
O ne a gakolola banana go inaakanya le Tirelo Setshaba, ba seka ba lwela lenaneo la ipelegeng le bagolo, a ba a gatelela botlhokwa jwa go inaakanya le temo- thuo e e kabakantsweng ka e ka ntsha maduo a a nametsang.
Mokwaledi mogolo wa khansele ya kgaolo eo Rre Goleba Kgari o boletse fa ofisi ya bone e itebagantse le go tlhokomela tikologo.
A re tlhokomelo tikologo e tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo ka e ngoka bojanala. O boletse fa ba na le lephata la boipelego le le thusang batho gore ba itirele ba tle ba kgone go itshetsa.
Rre Kgari a re ba thusa batho fela fa ba bona gore ga ba na nonofo, a tlhalosa fa mowa wa bojammogo jwa masika o sa tlhole o le teng ka jalo ba thusa batho ka gore moono ke gore mongwe le mongwe a nne le botshelo jo bo nang le boleng.
O boletse fa ba rutuntsha batho mo ditirong tse di farologanyeng di akaretsa go loga, go roka le go apaya, a tlatsa ka gore mo dibekeng tse di fetileng ba runtshitse batho ba le masome a mabedi.
A re ba dira bojotlhe jwa bone go isa ditlamelo kwa bathong mme bothata jwa bone ke tlhaelo ya didirisiwa. Fa ba ntsha matshwenyego a bone banni ba motse oo, ba ne ba bolela fa ba tshwentswe ke seemo sa borukutlhi jwa leruo jo bo dirwang ke banana.
Ba re ba lela gape ka metsi a a seng phepa ka a na le bolele jo bo sa siamelang botsogo le gore ga ba na komiti ya ditlhabololo tsa motse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Katlego Gaobotse
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Mar 2014






