Makhanselara a ngongorega ka mananeo
13 Mar 2014
Makhanselara a kgaolo ya Legare ba re ba ngongorega ka tsamaiso ya mananeo a puso a a diretsweng go thusa Batswana mme jaanong go sa nne jalo.
Ba buile mafoko a mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng kwa Serowe fa ba akgela mo pegong ya modulasetilo wa khansele.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Mmadinare Bokone Bophirima, Mme Banabotlhe Mpheke, a re mananeo a bomme a lephata la bong ga a sa tlhole a thusa bomme ka sepe ka tsamaiso ya one e le thata.
Mme Mpheke a re mananeo a diretswe go ntsha Batswana mo lehumeng bogolo jang bomme, mme jaanong a dirilwe bokete mo bomme ba sa kgoneng go a sala morago.
A re go nale dikgwetlho tse dintsi fela tse di itsang gore ere bomme ba ipopile setlhopha ba kgone go atlega. O ne a tlhalosa fa mananeo a le mantle e bile a eletsega. Le fa go ntse jalo a re ga a sa tlhole a na le mosola ka go na le dikgoreletsi mo ditseleng tsa go ka a bona.
E rile a mo tlatsa, mokhanselara wa Matobo/Goshwwe, Rre Sam Dambe, a tlhalosa fa lephata la bong e le ruri le ketefaletsa matshelo a Batswana kwa pele. Rre Dambe a re ga gona tswelelo pele kwa dikgaolong mo mananeong a lephata bogolo jang mo dikgwebong tse di setseng di simolotse.
A re ga gona tlhokomelo e e tseneletseng go bona gore ditirelo di dira jang mme bangwe ba felele ba tlogetse. O ne a tlhalosa le ene gore e re ntswa mananeo a diretswe go ntsha Batswana mo lehumeng jaanong a ba ketefaletsa botshelo.
Mokhanselara wa Nata, Rre Keiphele Stephen, ene o ne a supa fa mananeo a sa tswela batho mosola. A re ditlamelo tse ba tshwanetseng go thusiwa ka tsone di diega go tla mme a kopa gore bogolo bodiredi jwa puso bo ikopanye, ba kgobokanye didirisiwa tse di tlhokegang pele ba ka di isa kwa bathong.
Rre Stephen a re kwa kgaolong ya gagwe ba lenaneo la ditshingwana tsa merogo ba eme fela ka matlowa, a a senang tiro go sa ntse go letilwe didirisiwa tse dingwe.
A re fa gongwe motlhaba o tlaabo o sale jaaka o tshetswe e bile o boe o fediwe ke dipula go sa ntse go emetswe didirisiwa tse dingwe gore batlhoki ba agelwe matlo.
Fa ba bua ka lenaneo la matlo la SHHA, ba ne ba bua ba sa kgwe mathe ba re batho ga ba sa tlhole ba akola lenaneo le fa le sale le ntshiwa mo dikhanseleng.
Mokhanselara wa kgaolo ya Tsienyane Botlhaba, Rre Reuben Erastus, a re ba bonna matlo a SHHA kwa dikgaolong tse dingwe fa tse dingwe go sena sepe. A re gape dikopo di tsaya lobaka batho ba bo ba felele ba itlhobogile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgathi
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 13 Mar 2014






