Breaking News

Maduo a ditlhatlhobo a wetse tlase

12 Mar 2014

Dikole tse dipotlana  tsa kgaolo potlana ya Palapye di le 16 mo go tse 37 di   kgonne go fitlhelela seelo se se beilweng sa 76% le go feta , ka matshwao a A,B  le C, fa tse 21 tsone di le kwa tlase, mme seo se digela kgaolo yotlhe mogo 72.29%.

E rile a lekodisa makhanselera a kgaolwana potlana ya Palapye a a ntseng a le mo bokopanong ja beke, mogolwane wa tsa thuto wa kgaolo potlana  Rre Kedikilwe Kedikilwe a re go nnile le kgolo ya 3.9% fa go tshwantshwanngwa le maduo a 2012 a a neng a le kwa tlase fela thata ka 68.3% kgaolo yotlhe.

Rre Kedikilwe o supile fa dikole tse  dipotlana tsa Moeng le Mokgware e le tsone di pasitseng  ka 100% ka  A,B leC,  di bewa mo maemong ao ke gore ga di na palo e ntsi ya bana.

Fa maduo a mophato wa boraro a dikole tse dikgolwane tse di lesome le bobedi , a supa fa di sa dira mo go nametsang, ka gonne mo baithuting ba le 1 828 ba ba neng ba kwala, go fentse bana ba le 721 ka matshwao a A,B le C, fa bontsi bo wetse mo go D,E le U.

O tsweletse a re,bana ga ba a dira sentle mo  dithutong tsa temo-thuo, mme a supa fa dipalo tsa basimane   di tsweletse ka go wela tlase fa ba bapisiwe le basetsana. O ile gape a re mosuke wa bana mo matlong a borutelo o ne wa pateletsa gore matlo a dithuto tse di faphegile a diresediwe go rutela go fokotsa one mosuke oo, le go oketsa dipalo tsa bana.

Rre Kedikilwe a re mosuke oo, o fa barutabana nako e khutshwane ya go ka thusa ngwana, sengwe gape se se ba kgobang marapo ele dituelo tsa nako e e okeditsweng   tse di wetseng tlase go ya ka molawana wa bodirela- puso wa 2008.   

O ne a re mafelo a borutelo le one ga a mo seemong se se itumedisang, mosuke, tlhaelo ya di dirisiwa, bodiredi jo bo sa ikaelelang go dira ka natla gammogo le tlhaelo ya boroko . Rre Kedikilwe o ne a supa maiteko a lephata la thuto a tshimolodiso ya go rutuntsha bana ba ba dingwaga tse nne le sephato  go ya kwa go tse tlhano,  ka maikaelelo a go ba sugela mophato wa ntlha.

A re mo kgaolong ya gagwe dikole di le tlhano  ke tsone di tla a simolodisang  lenaneo leo, fa barutabana ba setse ba rometswe  go ya go ikoketsa gore letle le atolosetswe kwa dikoleng tse dingwe.

O tlhalositse ka lenaneo la “adopt a school”, a re mo kgaolong ya gagwe  dikole di le 18 di bone ba ba di itseetseng  ka bagakolodi  (mentor) ba le27 le ba ba ntshang dithuso (donors) ba le 62. A re mo nakong eno, boikuelo ja bone ke go bona dikole tsotlhe di ikabetswe, le gone go baya monwana mokwalo wa ditumelano gore tshwaragano e tsamaye ka thelelo.

O bile a re lephata la thuto le tlhabololo dikitso  le na le lenaneo la bana ba ba gaisitseng ka matshwao a a kwa godimo, mme le itebaganya le gore bana bao ba thusiwe go tsaya dithuto tse di ka tokafatsang seemo sa itsholelo ya lefatshe leno jaaka tsa madi, boranyane ja kgwebo,  tsa maranyane,  bongaka le maranyane le tsa maranyane a di tsa tlholego.

Fa a itebaganya le dithuto tsa bana ba ba sa tseneng sekole, o ne a re ke lenaneo le le diretsweng go tokafatsa kitso ya bone le gone go ka ba tokafaletsa matshelo  ka  go ba ruta go bala le go kwala.

E rile ba akgela mo maduong ao, makhanselara ba re ke matlhabisa ditlhong mme ba re  tona wa thuto a ithole marapo. Mokhanselera wa Maunatla Rre Samuel Morebudi, Rre  Charles Mabjweng wa Lecheng, le Rre Jordan Makhura wa Morupule ba ne ba papamala ba re tona o paletswe ke lephata la thuto a tsamaye.

Mokhanselera Victor  Malete  yo o itlhophetsweng ene o ne  a re ,kwa kgaolong ya gagwe barutabana ba sekole se se botlana ba dira sentle thata, sebe sa phiri ke ba dikole tsa mophato wa boraro.

A re bana ba teng ga ba na botho, mme a supa fa  mekgatlho ya barutabana le yone e na le seabe mo go weleng tlase ga maduo ka jaanong go utlwiwa ka yone fela.

O ne a re ka bagokgo ba dikole tseo ba tlhatlositswe maemo, ba fiwe boikarabelo ja go seegela fa thoko barutabana ba ba katang tlhogo ka go se tle tirong sentle.

Mokhanselera Mme Phuthego o ne a iteela kobo moroko mafoko a go sa direng sentle ga barutabana, a re bangwe ba nwa fa pele ga bana. Mme Phuthego o ne a re  lekwalo la ntlha kwa dikoleng tse dipotlana le rutwe ke bagolo e seng banana, a re fa go ka tswelela  go ntse jaana maduo a ya go nna fela ale kwa tlase.

Mokhanselera wa Radisele Michael Motshidi le wa Mogome Rre Gomolemo Ponatshego bone ba ne ba re,  barutabana ga ba itumelele tsamaiso tsa thuto, ba tlatsa ka gore go sa duelweng sentle le lone letlhoko la boroko ke dintlha dingwe tse di tshwenyang barutabana.

Ba re  badira molao ba tle ka lenaneo le le tsepameng go tokafatsa seemo sa thuto. Bontsi  jwa re bodiredi ka kakaretso bo tlhoka tshidilo maikutlo morago ga ngalo ditiro ya 2011.

Ba supa fa bodiredi  bo sa ntse bo tutetse, ba bereka ka matsadi le maikutlo a a kgoberegileng, ka jalo ga gona maduo ape a a  botoka a ba tla a ntshang , fa bangwe ba re  boeteledi pele bo tle ka tharabololo ya mathata a thuto.

Mokhanselera Turkson Rantape wa Khurumela ene one a re, lephata la thuto le duelela barutabana malatsi a 26 a ba a kopileng go fedisa kgang, a re o dumela fa seo se ka tokafatsa maduo  a thuto mo dikoleng.

Mokhanselara wa Mogapi  Rre Joseph Dintwa o ne a re, ene o bona thuto ya gompieno e le yone e oketsang botlhoki ka bana ba ba sa fenyang ba ya go nna batlhoki le go bereka mo Ipelegeng.

O ne a tshwaela ka gore barutabana ba gompieno ke bana le bone ba na le tshwanelo ya go ijesa monate morago ga tiro ka ba santse ba ija bonana. O ile a re ke ngwaga wa borataro badirela- puso ba sa okelediwe madi mme go solofelwa gore ba dire ka natla, a tlhalosa gore ga gona motho yo o ka ntshang maduo a sa itumele.

Fa a ba kgwa dikgaba mothusa mokwaledi  mogolo  wa khansele potlana Rre Poti Molefhi, o ne a akgola makhanselera  a re  ba supile botsadi fa ba akgela ka kgang ya thuto le gone go bua ba tsentse marapo dinameng jaaka baemedi ba le bone ba tshwenngwang ke seemo le kwelo tlase ya maduo ngwaga le ngwaga.

O ile a gakolola gore  lenaneo  le le sekasekilweng la thuto le tsene mo tirisong go araba matshwenyego a thuto ka botlalo le gore  batlhatlhobi  ba dikole ba le tseye tsie go tlhabololo seemo sa thuto. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 12 Mar 2014