Breaking News

Mokento wa kankere o tla a anama

12 Mar 2014

Mokento wa go thibela kankere ya molomo wa popelo mo baneng ba basetsana o a anama go simolola kgwedi e e tlang ya Moranang.

E rile a bua kwa khanseleng  ya Kweneng bosheng, moemedi wa tsa botsogo, Mme Midah Mogonono, a tlhalosa fa mokento o, e le o  o sireletsang kankere ya molomo wa popelo le dikakana tse di huhumelang ka kwa bosading.

O tlhalositse fa bana ba Kweneng Bophirima e le bone jaanong ba kentiwang kgwedi e e tlang, a tlatsa ka gore bana ba dikolo ba ba dirang lokwalo lwa botlhano , lwa borataro le lwa bosupa ke  bone ba ba amegang.

Mme Mogonono o tsweletse a tlhalosa fa ba ba sa tseneng sekolo go simolola ka dingwaga tse di ferang bongwe go ya go tse di lesome le boraro. O tlhalositse fa mokento o, o tsewa makgetlo a le mararo.

A re lekgetlo la ntlha ke la kgwedi ya Moranang, la bobedi ke morago ga kgwedi tse pedi go tswa go la ntlha, mme la bofelo ke morago ga kgwedi tse thataro go tswa mo lekgetlong la ntlha.

O tlhalositse fa maikaelelo e le go kenta bana ba ba iseng ba tlhakanele dikobo  go ba sireletsa mo malwetsing a. Mme Mogonono a re lenaneo le, le sale le simolodisitswe mo Molepolole ngwaga o o fetileng mme ka jalo se ba se dirang e le legato la bobedi  le le simololang kgwedi e e tlang.

O tlhalositse fa e tla a re go tsweng foo mokento oo, o isiwe kwa Selibe-Phikwe, mme morago jaanong o anamisiwe le lefatshe ka bophara. O bile a kopa batsadi go tlhoafalela lenaneo ka go rotloetsa bana segolo jang ba ba kwa masimong le merakeng.

Makhanselara ba ne ba amogela kgang e ka diatla tsoo pedi mme ba supa fa ba tla gasetsa ba ga bone dikgang tse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boikanyo Sarefo

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 12 Mar 2014