Breaking News

Kgosi o tshwenngwa ke bogadi jo bo adimiwang

12 Mar 2014

Kgosi kgolo ya Bangwaketse Kgosi Malope II a re o tshwenngwa ke  dikgang tse di  golelang pele tsa bangwe ba e areng ba nyala ba adime dikgomo tsa bogadi go ya go di supa kwa  kgotleng ka  maikaelelo a gore ba kgone go amogelwa.

Kgosi o buile jalo mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo, a re kadimo ya bogadi e a re kwa morago e bake dikgotlhang mo gare ga malwapa oo mabedi. O tsweletse a re gole  gantsi dikgang tseo di  utlwala fa boo-babedi  ba sa  tlhole ba utlwana sentle, mme  gonne  thata  go  ikuela.

O tlhalositse fa ka ngwao ya Sengwaketse monna  a tshwanetse go agela  mosadi pele ga  a ka mo nyala go itsa  dikgogakgogano. Kgosi o tshwaetse fa  a tshwenngwa  ke dikgang tse di  atileng tsa  gore ere monna a  nyala a ba a re o agile ntswa go sa nna jalo.

A re go dira jalo go ka nna botlhoko  mo baneng fa monna  yoo ka  tsela nngwe a ka  tlhokafala a sa ba  agela ka  jaana ba atle ba felele ba kobiwa mo lwapeng.Ka  jalo Kgosi o kopile banna go agela basadi ba bone pele ba ka ba nyala ka gore se,se ka fokotsa dintwa magareng ga boora mosadi le boora monna fa monna a tlhokafala kana go ka nna le kgaogano.

Kgosi Malope gape a re o tshwenngwa  ke baratani ba ba nnang mmogo  ba sa nyalana e bile  batsadi ba bone ba itse mme ba sa kgathale. O tsweletse a re go dira jaana go baka  dikgotlhang fa monna a ka  tlhokafala, a re  gole  gantsi ba ga gabo ba itatola  mokapelo wa  gagwe le  bana ka  maikaelelo a  go mo tima dithoto tsa  moswi, selo se a reng se babalela bana  fela  thata, mme o  kopa batsadi go tsibogela seemo seo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 12 Mar 2014