Sekolo sa Mokubilo se abela molwetse
12 Mar 2014
Barutabana ba sekolo se sebotlana sa Mokubilo kwa kgaolong ya Tonota Bokone ba abetse molwetse mongwe mo motseng oo dimpho bosheng, mo moletlong o o neng o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘go thusa Motswana ka wena ke go ithusa’.
Fa a tlhalosetsa ba ba neng ba kokoanetse mo lwapeng loora Masole, morutabana Mme Ntswelengwe Makgabana a re morutabana o tshwanetse go nna le lerato mo baneng le go netefatsa gore bana ba gago ba itumetse ka nako tsotlhe.
A re nako nngwe o ne a lemoga gore mongwe wa bana ba gagwe ga a tsoga sentle mme a mmotsa gore mathata ke eng. Mosimane yo, ebong ngwana wa ga Mme Nnanabo Toteng, yo ba neng ba mo abela dimpho, o ne a tlhalosa fa mme mmaagwe a sa tsoga sentle.
Mme Makgabana a re seemo seo se ne sa gwetlha barutabana go ikokoanya gore ba kgone go thusa lelwapa le le amegileng. Fa a ntsha la gagwe, molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati, o ne a akgolela ba sekolo sa Mokubilo le lelwapa la ga Masole go bo ba nnile le bopelotlhomogi go thusa Mme Toteng.
A re barutabana bao ba supile gore tiro ya bone mo setshabeng ga se go abela bana thuto fela mo ba go duelelwang; ba supile boikarabelo ka go thusa yo o tlhokang thuso, selo se se rotloediwang ke tautona wa lefatshe leno.
Rre Porati o ne a rotloetsa Batswana ka kakaretso go bereka mmogo go thusa ba bangwe. A re tiro ya bobelotlhomogi ga e nke e nna nnyenyane gape ga e dirwe ke bahumi fela; e dira ke mang le mang go tsweng boteng jwa pelo ya gagwe.
“Ke akgola banni ba motse wa Mokubilo e bile ke ba rotloetsa go tswelela ka mowa wa boja mmogo gore tshaba tse dingwe di kgone go tsaya malebela, re tle re kgone re fitlhelele matshego a tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016.
Se le se dirileng se tla kopanya baithuti, botsadi le barutabana ka botlhokwa jwa lona bo lemosega mo setshabeng.” Rre Porati o ne a rotloetsa Mme Toteng go nna le tshepho le tumelo ya gore o tla fola. O ne a mo rotloetsa gore a seka a fela pelo, a ithuse ka dilo tse a ka di kgonang; a tlatsa ka gore a seka a baya fela mo bathong.
Moeteledipele wa lephata la tlhokomelo balwetse mo malwapeng. Mme Kegomoditswe Ramotswetla, o ne a lebogela barutabana go bo ba kgonne go thulanya ditlhogo go thusa Mme Toteng.
Mme Ramotswetla o ne a tlaleletsa ka gore go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang, a tlatsa ka gore ka jalo barutabana ba tla segofala ba kgone go tswelela mo matshelong a bone.
Le fa go ntse jalo, Mme Ramotswetla o ne a lela ka gore lenaneo la Home Based Care ga lena makalana a a ikemetseng ka nosi a le thusang; se se dirang gore thuso e ba e neelang balwetse e nne bokete.
O ne a kopa setshaba le badirela puso go bereka mmogo le makalana a ikemetseng ka nosi gore ba kgone go thusa ba ba tlhokang thuso. Mme Hakgamalang Nnanabo Toteng, yo o neng a sa kgone go emisa monyenyo, o ne a supa boitumelo bo bo seng kana ka sepe fa a lebogela barutabana ba sekolo sa Mokubilo mo tirong e ba e mo diretseng.
Mme Toteng, yo o nang le bana ba basimane bale bararo, o ne a kopa baagisanyi go nna ba tla go mo sidila ka a nna fela mo bolaong. A re keletso ya gagwe ke go bona a thusitswe ka go agelwa ntlo kwa setsheng sa gagwe ka gore lelwapa le a nnang mo go lone ga se la batsadi ba gagwe.
Mme Toteng o ne a abelwa dikobo tse tharo, diaparo tsa bana, dijo, melora e tlhapang le e tlhatswang, bolao le setilo sa bana le bogole se se neng se tswa kwa khanseleng ya Borolong.Fa a ntsha lefoko la kgothatso, Kgosi ya motse wa Mokubilo, Rre Botshabelo Dijeng, o ne a rotloetsa dikereke tsa mo motseng go tla go rapelela Mme Toteng.
Kgosi Dijeng o ne a supa matswenyego a gore go na le dikereke mo motseng mme ga di kgone go supa boleng teng jwa tsone mo setshabeng ka go dira ditiro tsa boutlwelobotlhoko mo setshabeng.A re o ipotsa gore a dikereke tsa malatsi a di batla go duelelwa go thusa batho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lopang Obolokile
Location : TUTUME
Event : Kabo-dimpho
Date : 12 Mar 2014






