Breaking News

Lefelo la Matlakala Ntsheke le a tshwenya

12 Mar 2014

E rile bosheng mothusa kgosi wa Lerala, Kgosi Ookeditse Shaw a bolela fa a  tshwentswe ke lefelo lengwe le le bitswang Matlakala Ntsheke gaufi le dipolase tsa Sheerwood kwa Tswapong.

Lefelo le, le go bolelwang fa go nna babereki  ba dipolase tse di farologaneng  tsa Sheerwood ba feta lekgolo le masome a mabedi, ga le na matlwana a boitiketso e bile seemo sa lone sa botsogo  ga se  nametse ka bangwe ba nna mo matlung a a itiretsweng ka dikgetse fa bangwe ba a dirile ka dipolaseteke.

Ka lefelo leo le sena matlwana a boitiketso, banni ba patelesega go tsena mo sekgweng le go latlhela leswe lengwe le lengwe  mo go sone sekgwa seo. Kgosi Shaw o boletse fa lefelo leo le sa babalesega ka tikologo ya lone e le leswe fela thata.

A re leruo le le ntsi mo lefelong leo ka jalo go na le kgonagalo ya gore malwetse a tshwana le a dikgomo a mabele, a puso e lekang go a lwantsha a aname.

A re lephata la botsogo, lephata  le le amanang le tikologo le  la tsa pereko a tshwanelwa ke go sekaseka seemo se babereki ba dipolase tsa Sheerwood ba nnang mo go sone.

A re lefelo leo le na le dingwaga di feta lesome le botlhano le ntse le le teng mme  ga gona maiteko ape a go bona gore a babereki  ba agelwa matlwana a boitiketso le matlo a bonno a a siameng.

Mongwe wa babereki  ba polase ya  JP Roos, Rre Oarabile Montsho a re, e rile a goroga mo lefelong la Matlakala Ntsheke . O ne a aga bonno jwa gagwe ka dipolaseteke ka a ne a bontshitswe lefelo le a tla a nnang mo go lone mme go sena fa a ka latsang tlhogo teng.

A re o nna kwa lefelong leo ka a patelesega go itshetsa mme go ka nna botoka fa bahiri ba bone ba ka baakanya bonno jwa bone ba bo ba aga le matlwana a boitiketso.    

A re ka 2012 ba ne ba isa kgang ya bone mo go ba lephata la badiri ka seemo se ba nnang mo go sone le ka fa ba theogelang ka teng  mme beng ba dipolase ba tshepisa fa ba tla a baakanya bonno jwa babereki, nako kgolo ke eno.

A re seemo se ile masweng mo lefelong leo ka ba setse ba tlhasetswe ke dipeba ntateng ya tikologo e e leswe e ba nnang mo go yone. Mokhanselara wa Lerala, Rre Kabo Ketshogile o boletse fa seemo se babereki  ba dipolase tsa Sheerwood ba nnang mo go sone se sa kgatlhe ka go supega fa bahiri bangwe ba sa kgathale ka badiri ba bone.

A re fa lefelo la Matlakala Ntsheke le sa tsibogelwe le na le kgonagalo ya gore le anamise malwetse a a neng a ka tsibogelwa ka tikologo e nna e le leswe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego

Date : 12 Mar 2014