UDC ga e itumedisiwe ke dituelo tsa ditirelo
12 Mar 2014
Phathi ya Umbrella for Democratic Change e kgadile e sa kgwe mathe dituelo tse di kwa godimo tsa ditirelo tse di akaretsang metsi le motlakase.
Kwa phuthegong ya phatlalatsa e e neng e tshwaretswe kwa Makaleng ka Matlhatso, leloko la phathi eo, Rre Mbaakanyi Smarts, o ne a supa fa Batswana ba rwele mokgweleo o o seng kana ka sepe wa dituelo tsa ditirelo.
Rre Smarts o supile fa sebe sa phiri e le go sa ikanyegeng ga go ntshiwa ga tsone ditirelo tsa go nna jalo, a supa fa Batswana ba lopiwa go duela madimadi le ntswa ba tshelela mo lenyoreng le mo lefifing le le boitshegang.
O boletse fa go ngomola pelo gore le ntswa tshaba ya lefatshe leno e tsweletse ka go lela ka matshwenyego a, puso e bo e sa dire sepe go a tsibogela. Mo ntlheng e nngwe, Rre Smarts o ne a kgala puso a re ga e dire go lekane go tlhamela Batswana ditiro.
A re bontsi jwa batho, segolo jang banana, ba tsweletse ka go gobeya mo mebileng go se sepe se ba se dirang go itshetsa, mathata a a reng go lebega a sa tshikinye puso ka go lebega e ntsi moriti o tsididi.
Rre Smarts a re go sa tsibogeleng dikgang di tshwana le tse, go supa fa puso e sa tseye tsia banana. A re puso e tshwanetse ya simolola go thusa ka lemmenyana ba ba sa berekeng, e le tsela nngwe ya go ba nolofaletsa dikgwetlho tsa botshelo.
Fa a bua ka ditsela, Rre Smarts o ne a supa fa seemo sa tsone se sa kgatlhise gotlhelele, a kaya fa dilo di simolotse go ya masweng fa puso e ntsha tlhokomelo ya ditsela dingwe mo dikhanseleng.
A re fa e sale tshwetso eo e dirwa ga go sepe se puso e kileng ya se dira go baya ditsela tsa lefatshe leno mo seemong se se kgatlhang e bile se babalesegile.
Sebui se sengwe kwa phuthegong eo, Rre Jiniva Pelaelo, o ne a gwetlha batsena phuthego eo go tlhola gore a dikarata tsa bone tsa Omang di siametse go ka ba letla go nna le seabe mo ditlhophong tsa setshaba tsa monongwaga.
O ne a ikuela mo go botlhe ba ba ikwadiseditseng ditlhopho go tlhokomela dikarata tsa bone tsa ikwadiso. Rre Pelaelo a re go a tshwenya gore e re Batswana ba sa itumedisiwe ke dilo di le dintsi mo tsamaisong ya lefatshe leno ba bo ba sa ntse ba le maoto a tshupa go tlhopha.
O ne a itela mo go ba ba sa ikwadisetsang ditlhopho go ikitaya ka thupana go dira jalo fa go ka nna le ikwadiso e nngwe ya tlaleletso.
Phuthego eo e ne e tshwerwe go rolela banni ba Makaleng ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima, Rre Richard Gudu, le wa kgaolwana ya bokhanselara ya Makaleng, Rre Dintle Morakanyane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya phatlhalatsa
Date : 12 Mar 2014






