Tshipe o itumelela pula
12 Mar 2014
Mothusa kgosi ya Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe o kopile bomme ba thapelo go lebogela pula.
O buile se fa a amogela bomme ba thapelo mo kgotleng ka letsatsi la mafatshefatshe la bomme ba thapelo kwa Mahalapye bosheng.
Kgosi Tshipe yo gape e leng mothusa modulasetilo kwa Ntlo ya Dikgosi, a re dipula di na mo go nametsang, a tlatsa ka gore seo se tshwanetse sa lebogelwa ka ke pula tsa letlhogonolo.
Kgosi a re e re le ntswa bangwe ba re e ba kgoreletsa go dira dingwe ditiro, e sa ntse e tsisa dintlenyane, a tlatsa ka gore lefatshe le kgabile ka botala jo bo itumedisang le leruo. A re gore dinoka di bo di ela go supa botshelo mme e bile go boa go supa fa ngwaga o e le o monamagadi.
“Pula ga se pula fela, ke sekai sa botshelo mme ka jalo le lona Batswana matshelo a lona a tla elela ka tse di molemo” ga bua kgosi. Kgosi Tshipe a re go supagala fa Modimo o tla eledisa botshelo ka letlotlo mo sekakeng se se mo matshelong a Batswana ka kakaretso.
O ne a tlhalosa gore sekaka se raya tsotlhe tse di sa iketlang mo ditlhaloganyong tsa setho kgotsa lenyora lepe kana matshwenyego ape a ope a nang nao mo botshelong jwa gagwe. Kgosi Tshipe a re noka ya Mahalapye e ntse e le sekaka, mme e nnile le go tshela gararo mo sebakeng sa kgwedi.
Fa a tswa la gagwe molalediwa wa tlotla wa letsatsi, Mme Gaeyo Mothei, o ne a kopa bakeresete gore ba tshele se lefoko le se buang. Mme Mothei a re bakeresete ba dinako tseno ba pharologano e bile ope ga a kake a kgona go ba tlhaloganya ka gore ba itshelela fela jaaka ba batla.
O ne a tlhalosa gore nako e tsile ya gore ba nne pharologano, a tsaya a bapisa le ba tumelo ya semoselemo. A re bone ga go ope yo o botsang ka ba tshela ka fa lefoko la Koran le ba bolelelang ka teng.
Mme Mothei a re ba tumelo ya semoselema ba tswala madirelo a bone go ya tempeleng ya bone fa nako ya teng e goroga, ba feletse ka seaparo sa tumelo ya bone. O ne a bua jalo a leka go kgothatsa bakeresete go supa keresete o ba mo tshwereng gope fela kwa ba leng teng, ka nako tsotlhe.
A re nako dingwe go a makatsa fa o lebelela matshelo a bakeresete ka tsatsi la Tshpi ba le kwa kerekeng, a tlhalosa ka fa a sa tsamaelaneng ka teng le a ba a supang kwa ntle ga tempele. O ne a leka go rotloetsa batho go tlotla tumelo ya bone ya sekeresete le go e sala morago sentle.
Mo dikganyeng tse dingwe, Mme Mothei o ne a rotloetsa bomme go tshela ka thapelo. A re thapelo ke yone e ka ba tlhabanelang mo go tsotlhe.
Mme Mothei a re gore makowa a tletseng mo lefatshe leno a bana ba ba tlhokang tsebe, dibeteledi, magodu, matagwa, dithubetsi, babolayi, kgonwe ke fela fa mme a ka wa ka lengole go leba magodimo.
A re e ne yare Tautona a kopa tshaba go rapelele pula, batho ba ne ba wa ka mangole go rapela, mme jaaka go bonala, ke maphatshaphatsha, maphorophoro gongwe le gongwe.
A re Morena o nonofile go ka tsisa kagiso mo lefatsheng leno go dira tsotlhe tse di ka se kgonweng ke motho wa nama le madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudz
Location : MAHALAPYE
Event : Letsatsi la bomme ba thapelo
Date : 12 Mar 2014






