Moepo wa Orapa o thusa baithuti
12 Mar 2014
Babereki ba lekalana la Central Workshop go tswa kwa moepong wa diteemane kwa Orapa ba ithaopetse go tlhokomela baithuti ba le babedi ba sekolo se segolwane sa Motsumi kwa Letlhakane.
Maitlamo a a tserwe ngogola ke setlhopha sa borre le bomme ba le masome a mabedi le botlhano ba sena go dumalana ka moono wa go bona gore ba ka thusa jang mo setshabeng. Ba ne ba dumalana go batla bana ba le babedi ba ba nang le botlhoki kwa sekolong se segolwane sa Motsumi JSS, go ba tswa thuso.
E rile a bua mo boemong jwa babereki ba ba ipopileng ba, Rre Gaolathe Matakata a supa gore ba ne ba bua le mogokgo wa sekolo seo, Rre Meshack Sechele, gore a thuse go tlhopha baithuti ba le babedi ba ba tlhokang thuso.
Rre Matakata a re baithuti boo babedi ke basimane, mongwe wa bone o dira mophato wa bobedi fa yo mongwe jaanong a fetetseng kwa mophatong wa bone kwa sekolong sa Letlhakane Senior Secondary School. A re le fa gone go supagetse ba tswa mo malwapeng a itsholelo e e kwa tlase, sebe sa phiri ke gore ba ne ba sa akarediwa go thusiwa ke khansele.
Rre Matakata o ne a supa fa maikaelelo a bone e le go tswelela le bana ba go fitlhelela ba fetsa sekolo, e bile ba le mo seemong sa gore ba ka kgona go ithusa mo botshelong, a bo e le gone ba ka tlhophang ba bangwe go ka ba tswa matshidiso.
E ne yare a bua, a supa fa maikaelelo a bone ele go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba, le le rotloetsang setshaba go nna kutlwelo botlhoko.
Rre Matakata a re ba itebagantse le go rekela bana paka yotlhe ya sekolo, diaparo tsa metshameko, dikobo tsa mariga, diaparo tsa kwa lwapeng, melora le tse dingwe tse ba di tlhokang, a tlatsa ka gore ba kopile batsadi gore bana bao ba nne mo sekolong gore ba kgone go bona sebaka sa go ithuta sentle le go somarela tse ba di abelwang.
Mogokgo wa sekolo Rre Sechele o akgotse maiteko a babereki bao fela thata, a supa fa ba bolokile bana bao fela thata, ka seemo sa bone se ne se ka ba tlogedisa sekolo.
A re seemo se ba neng ba le mo go sone se ne se dira gore ba lebege o kare ba kgethololwa mo baneng ba bangwe ka jalo ba ne ba nna ba sa wela maikutlo mme seo se kgoreletse dithuto tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Precious Bonang
Location : LETLHAKANE-
Event : Kabo ya dithuso
Date : 12 Mar 2014






