Tshenyetso setshaba ke mmaba
11 Mar 2014
Lekalana la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo la Francistown le ne le tshwere thuto-puisanyo ya go rutuntsha maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka dikgang tsa tshenyetso setshaba kwa Masunga bosheng.
Fa a bula semmuso thuto-puisanyo eo, molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Rapetse Mathumo o ne a re, go le gantsi batho ba akanya ka tshenyetso setshaba fa go umakiwa madi.
A re le ntswa madi a ka tswa a di goga kwa pele mo go seo, fela go na le tse dingwe tse le tsone di amanngwang le tshenyetso setshaba. Rre Mathumo a re nngwe ya dilo tse di amanngwang le tshenyetso setshaba e bile di le borai mo matshelong a batho ke go sa direleng dilo mo pontsheng.
A re ka di VDC di neetswe boikarabelo tebang le tsa ditlhabololo mmogo le gone go tsamaisa tsa itsholelo mo metseng ya bone, ba tshwanetse ba itse fa matshelo a batho a le mo diatleng tsa bone.
O ba gwetlhile go tila tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang, a tlhalosa fa ba ka kgona seo fela ka go direla dilo mo pontsheng le ka tekatekano.
A re tshenyetso setshaba ke noga e e reng e tsene mo pelong ya motho,e tlhakatlhakanye sengwe le sengwe, a tlatsa ka gore e ka simolola e le nyennyane mme phelelong e kekele.
Molaodi o kopile maloko a VDC a a neng a tsene dithuto tseo, go tsaya tsia thuto e ba e amuleng le go e amogana le ba bangwe, a bo a ba rotloetsa thata gore fa ba digela lobaka la bone, ba rolela komiti e ntsha, ba e tlhatlhelele ka tshenyetso setshaba.
Modiri wa lekalana la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Rre Boago Koloi, o ne a itsese maloko ka boikarabelo jwa lekalana la bone, a re ke go tlhotlhomisa, go ruta le go thibela tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo.
A re lekalana leo le tlhamilwe morago ga gore puso e tshwenyege mabapi le dikgang tsa tshenyetso setshaba. Le ene fela jaaka molaodi, Rre Koloi o gakolotse maloko a di VDC gore ba leke bojotlhe go iphapha mo tshenyetsong setshaba, a re ditsetlana tsa tsamaiso tse di leng teng di tshwanetse tsa salwa morago.
O tsweletse a re, bangwe ba VDC ba na le go dirisa maemo a boloko jwa komiti jaaka sebaka sa go iterelela tse ba di ratang. Rre Koloi a re tshenyetso setshaba e e atileng mo malokong a di VDC ke ya maloko a a nang le mokgwa wa go lopa pipa molomo gore ba kwadise bangwe mo lenaneong la batlhoki, a tlatsa ka gore bangwe ba na le go batla dikatso tsa go tsena diphuthego le ntswa ba ne ba seo mo diphuthegong tsa teng.
O ne a bo a nankola ditemana dingwe go tswa mo bukeng e e boitshepo, tse batho ba ka ikaegang ka tsone, go ba thusa go boifa tshenyetso setshaba. Rre Koloi o boletse fa ope yo o ka bonwang molato wa tshenyetso setshaba, a ka atlholwa dingwaga tse di sa feteng lesome mo kgolegelong kgotsa madi a a sa feteng P500 000 kgotsa dikatlholo tseo ka bobedi.
E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Masunga Maruje III wa motse wa Masunga, a kaya fa tshenyetso setshaba e le bosula thata mo matshelong a batho, ka jalo a kopa batho go tsaya dikgang tsa yone tsia, a re mme o belaela fa gongwe e bakwa ke go bo bontsi bo sa e tlhaloganye.
Kgosi Maruje a re fa tshenyetso setshaba e ka tsaya phekelo e sele, e ka felela e jwelelela mme e gole go gaisa le yone itsholelo. Modiri wa lephata la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Thomas Mpenya a re, leloko lengwe le lengwe le tshwanetse la itse boikarabelo jwa lone, go simolola mo modulasetilong go ya ka tatelano ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Thuto-Puisanyo
Date : 11 Mar 2014






