Breaking News

Ba rutwa tsamaiso ya dihosetele

11 Mar 2014

 E rile bosheng, batlhokomedi ba bana ba batlhoki le ba dikhutsana ba ba nnang kwa dihoseteleng tsa Mphuthe yo mogologolo kwa Letlhakeng, ba bo  ba tshwere thuto-puisano ka bana ba ba nnang kwa dihoseteleng tsa Mphuthe kwa holong ya dihosetele tseo.  

Fa a tlhalosa tsamaiso le tiriso ya dihosetele tseo, mmaboipelego yo o itebagantseng le batlhoki, Mme Otoleng Serite o  kaile fa bana ba ba nnang mo dihoseteleng tsa Mphuthe yo mogologolo e le bana ba dikhutsana le ba  batsadi ba bone ba sa kgoneng  go ba thusa ka dingwe go tswelela le tsa thuto.

Mme Serite o supile fa bana bao e le ba dikgaolo tsa Sesung, Ditshegwane le Metsibotlhoko mme e bile ba ne ba dumelelwa kwa sekoleng se segolwane sa Mphuthe ka ba sekole sa Mahupu kwa Takatokwane le sa Lempu kwa Salajwe go ne ga tlhalosiwa fa  palo ya baithuti kwa dikoleng tseo  e le kwa godimo.

O tsweletse a tlhalosa fa go ne  go dirisiwa dibese go ba tsaya kwa mafelong  a  bone  go ya sekoleng mme ba  bona  fa go  le bokete ka madi le  one a ne a  dirisiwa a le mantsi, ka jalo ba  bona  go le botlhokwa gore ba baakanye sekole se segologolo go se dirisa e le dihosetele.

Mme Serite o tsweletse a kaya fa dihosetele tse di kgonne go bulwa ka Hirikgong mono ngwaga e bile bana ba di dirisa mo bogompienong. Fa a tlhalosa tiriso ya tsone, Mme Serite a re bana  ba ba nnang mo dihoseteleng tseo ke ba basetsana ba le masome a matlhano le boraro le ba basimane ba le masome a mararo le bongwe mme botlhe ba le masome a le borobabobedi le bone.

A re bana ba, ba sireletsegile thata ka go na le bommeiterone ba ba ba tlhokomelang le badisa dikago. O tsweletse a tlhalosa fa bana bao ba a ja gabedi ka letsatsi, dijo tsa phakela fa ba ya sekoleng le  tsa maitseboa ba tswa  sekoleng.

Mmaboipelego o ne gape a kaya fa ba sa kganele batlhokomedi kana batsadi  go kopa bana  go ya  go  ba lekola kwa malwapeng  a bone mme a supa fa seo  se tshwanetswe go dirwa ka fa molaong  le  mmeiterone kana le bommaboipelego ka  go  kopa ngwana le go mmusetsa mo dihoseteleng.

O ne gape a tlhalosa fa ba ka seke ba gane  go neela batlhokomedi kana batsadi bana ba bone go ya go nna le bone kwa gae fa ba lemogile gore mabaka a bone a botshelo a tokafetse.

Mme Serite o gwetlhile batsadi le batlhokomedi ba bana ba ba nnang koo, go dirisana le bone le go nna ba tla go lekola tiro ya bana ba bone ya sekole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanene

Location : LETLHAKENG

Event : Dithuto puisanyo

Date : 11 Mar 2014