Tirisano mmogo e botlhokwa
11 Mar 2014
Go dirisanya mmogo le go tsaya karolo ga setshaba le badirelapuso mo kgaolong ya Okavango go ka thusa go lwantsha mogare wa HIV/AIDS.
Se se builwe ke batsaya-karolo mo bokopanong jo bo neng bo tshwaretswe kwa Gumare ke badirelapuso go tswa mo metseng e e farologaneng ya Okavango bosheng.
E rile a simolodisa bokopano joo, molaodi wa kgaolo, Rre Thabang Dikatlholo a tlhalosa gore go botlhokwa gore bagolwane ba thulanye ditlhogo go bona gore ba dira eng go lwantsha seemo sa mogare wa HIV mo kgaolong.
O tlhalositse gore go botlhokwa gore kgaolo e nne le lenaneo le le tsepameng ngwaga le ngwaga go thusa setshaba le gone go ka ba thusa go bona gore ba kgonne eng ga ba a kgona eng.
E rile a tlhalosa ka pego e e tswang kwa ofising e e gokgaganyang mananeo a mogare wa HIV/AIDS mo kgaolong, mothusa mogokaganyi gone kwa ofising eo, Rre Austin Motsamai a re dipalo tsa batho ba ba tlang go itlhatlhobela mogare di sa ntse di le kwa tlase.
O tsweletse a re dipatlisiso tsa bone di supa fa bomme ba le bantsi go supega ba amilwe ke mogare o wa HIV/AIDS. Rre Motsamai o tlhalositse gore borre ba santse ba itlhatlhobela mogare ka dipalo tse di kwa tlase.
Le fa go ntse jalo , Rre Motsamai a re, ba leka thata go oka borre go itlhatlhoba ka go dira mananeo a go tshwana le go tshameka kgwele ya dinao.
E rile a ntsha la gagwe Kgosi Motemo Mbambo wa Shakawe, a kgothatsa bomme go dirisa seriti sa bone le mo go tsa tlhakanelo dikobo. O boletse gore o dumela fa ba ka kgona e seng fela ba neela borre boikarabelo mo tlhakanelong dikobo.
O tlhalositse gore o dumela fa dipalo tsa mogare wa HIV/AIDS di ka ya kwa tlase. Barutabana go tswa kwa dikolong tse di farologaneng ba ne ba tlhalosa fa batsadi ba le bantsi ba ba lobele ka seemo sa bana ba ba tshelang ka mogare.
Ba ile ba tlhalosa gore seemo se, se ka fetolwa ke gone go bereka mmogo le bomma-boipelego ka ba ka ba thusa ka dipalo tse bogolo jang bana ga ba ya kwa dikoleng tse di potlana. Bokopano jo gape bo kopile gore go simolodisiwe makgotla a motse a a kopantseng badirelapuso le batho ba motse.
Motse wa Etsha 6 o ne o supa fa lekgotla le, le tsweletse sentle kwa go bone. Baoki le bone ba boletse fa go le botlhokwa gore batho ba itse seemo sa bone ,gore ba tle ba bone thuso e e lolameng nako e sa ntse e le teng.
Ba re ba tshwentswe ke boimana jwa bana mo kgaolong e. Phuthego e,e ne ya dumalana gore go botlhokwa gore batsaya -karolo ba lomagane, ba thusane go fokotsang kanamo ya mogare. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GUMARE
Event : Bokopano
Date : 11 Mar 2014






