Morutabana o gwetlha baithuti
11 Mar 2014
Morutabana wa sekole se se botlana sa Letlhakeng, o gwetlhile baithuti ba dikhutsana le ba batlhoki ba ba nnang kwa dihoseteleng tsa Mphuthe yo mogologolo kwa Letlhakeng, go tshepha thuto ka e le yone bokamoso.
Rre Clinton Sennye o buile se mo thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ba lephata la boipelego le khansele, e e neng e tshwaretswe kwa dikagong tsa dihosetele tsa Mphuthe yo mogologolo ka Matlhatso .
O boletse fa thuto e aga motho e bile ngwana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya thuto. O kaile fa motho yo o rutegileng a nna a le motlotlo ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka gore maitsholo a a makgasa a moithuti a supa fa a sena maikarabelo a a tletseng a go tsaya thuto e le tshwanelo ya gagwe.
Rre Sennye o tlhalositse fa moithuti mongwe le mongwe a tshwanetse go nna le toro ya go itshetsa fa a fetsa sekole. O ne gape a gwetlha baithuti bao go itlhamela ditlhophana tsa thusano tiro ya sekole mo dihoseteleng, a tlatsa ka go tlhalosa fa moithuti yo o nang le tebelopele ya go rutega a tshwanetse go nna le botho jo bo amogelesegang mo setshabeng.
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanene
Location : LETLHAKENG
Event : Thuto-Puisanyo
Date : 11 Mar 2014






