Ba metse e e kgakala le ditlamelo ba reketswe leruo
12 Mar 2014
Modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Lesego Raditanka a re banni ba metse e e kgakala le ditlamelo ba reketswe diruiwa mo ngwageng wa madi wa 2013/14.
O buile se mo pegong ya gagwe fa a ne a simolodisa phuthego ya khansele ya Legare ka Mosupologo, Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome.
A re go ntshitswe madi a a fetang sedikadike go reka diruiwa go ralala kgaolo ya Legare e e nang le dikgaolwana tse supa. A re dikgaolwana ka bontsi di setse di feditse go rekela banni leruo, kwa ntle ga ya Boteti, e theko ya yone e diilweng ke leuba le le tsereng nako.
O tlhalositse fa theko ya leruo kwa kgaolong eo e solofetswe go wediwa kgwedi ya Mopitlo e ya fifing.
Fa ama tsa nyeletso lehuma, Rre Raditanka o tlhalositse fa lenaneo leo le maikaelelo a lone e leng go rutuntsha batlhoki ka fa ba ka iketshang mo lehumeng ka teng, le le ka fa tlase ga lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, le thapile batsamaisi ba nakwana ba lenaneo leo ba le borobabobedi go thusa go isa ditirelo kwa bathong.
A re kgaolo e sa tswa go tshwara diithutuntsho tsa nyeletso lehuma kwa motseng wa Jamakata mme a akgola bao ba ba ntseng le seabe mogo baakanyetseng tiro eo.
Raditanka o ne a tswelela a re fa e sale ofisi ya dikgang tsa bong e tlhamiwa ka ngwaga wa 2007, e thusitse batho go simolodisa madirelo ale masome a mararo ka madi a a fetang didikadike dile nne mme a re mo bogompienong ke madirelo ale lesome fela a dirang sentle.
A re se se dirwa ke ntlha ya gore gona le dikgwetlho tsa tlhaelo ya bodiredi, boitseme jwa bao ba ba thusiwang go ikinola mo lehumeng gareng ga tse dingwe.
Modulasetilo o tlhalositse gore le fa go ntse jalo, go na le dikgato tse di tlaa tsewang go baakanya seemo seo, jaaka go netefatsa gore bao ba ba filweng dithuso ba bewa leitlho, go netefatsa gore madirelo a tsamaisiwa sentle le gone go oketsa bodiredi ka go thapa badiri ba nakwana bale babedi ba ba itebagantseng le nyeletso lehuma. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 12 Mar 2014






