Tlhabololo ya monana ke bokamoso jwa lefatshe
11 Mar 2014
Tona wa Banana, Ngwao le Metshameko, Rre Shaw Kgathi o kopile batsadi go pataganela kago le kgodiso ya monana.
Rre Kgathi o buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Oodi le Bokaa ka Labone, Mopitlo a tlhola malatsi a marataro, mme a kgothatsa batsadi go thusana le puso go aga monana ka e le ene bokamoso jwa lefatshe leno.
A re, e re ka lephata la gagwe le filwe boikarabelo jwa go tlhabolola le go aga monana, batsadi le bone ba na le seabe se segolo ka jaana ba godisa bana ba go tswa kwa moding.
O tladitse ka gore mo setswaneng, ngwana o godisiwa ka tsela e e kgethegileng a kaelwa gore o tshwanetse a apara jang, a buisa batho jang le gone go supa boitsholo jo bo amogelesegang mo setshabeng.
A re sebe sa phiri ke gore, malatsi a gompieno batsadi ba letlelela bana go tsaya taolo ya go dira dilo tse sa siamang mme seo se bake ditlamorago tse di bosula.
Rre Kgathi a re bana ba tswa mo dikolong ka boimana mme seo se kgaupetse bakomoso ja ngwana. A re matlhabisa ditlhong ke gore dilo tse di dirwa ke bagolo.
O kopile bana gore le bone ba se ka ba inaakanya le bagolo mme ba ikgaphe, ba beye thuto kwa pele ka ke lesedi la botshelo.
Tona o kopile batsadi gape gore patagano ya bone le puso e ka thusa go aga monana yo o tlhwatlhwa e bile a itlhaloganya.
O tladitse ka gore banana ba lebaganwe ke dikgwetlho di le dintsi mo botshelong mme dingwe di bakwa ke ka fa ba godisiwang ka teng.
A re batsadi, dikgosi le baruti ba tshwanetse ba nna le seabe mo go ageng monana yo o ka tsayang boikarabelo ja go direla setshaba.
O kopile dikgosi go busetsa ngwao bogolo jang ka ele bone batshegetsi ba yone le baruti kwa dikereng go ruta lefoko la Modimo ka le aga e bile le rotloetsa maitsholo a a itumedisang.
Rre Kgathi o tsweletse a kgothatsa ka gore batho ba tshwanetse ba nna le poifo Modimo ka ele yone tshimologo ya botlhale.
E rile tona a tlhalosa mananeo a lephata la gagwe le a fang banana, a bolela fa dikgwebo tsa banana di sa dire sentle ka jaana bagolo ba turisetsa bana mafelo a bone, a re seo ga se thuse banana ka sepe ka dikgwebo tsa bone di felela di phutlhama.
O ne a kopa bagolo go rekegela banana le go ba fa sebaka sa go bona ba tsweletse mo ditirong tsa bone.
A re mo kgaolong ya Kgatleng botlhaba go setse go dirisetswe P6.8 million mme go thusetswe dikgwebo tsa banana di le 81, mo go tsone tse 61 ke dikgwebo tsa temo-thuo, tse di lesome ke tsa madirelo mme tse di lesome le motso ke tsa ditirelo.
Rre Kgathi a re, se se sa mo jeseng diwelang ke bobotlana ja banana ba metse ya Oodi le Bokaa, ka dipalo tsa bone di le kwa tlase mo go tseyeng mananeo a banana.
O kopile banana go ema ka dinao go tsaya mananeo a a diretsweng go ba thusa go tsena mo dikgwebong ka jaana Motswana a re, o le aramele le go tlhabetse.
Mongwe wa banana Rre Tshepo Digangwa o tlhaloseditse tona gore,mathata a balekane ba gagwe ke gore ba dirisa nno-tagi phetelela mme seo se ba diya go itirela botshelo.
A re fa banana ba ka tlogela bojalwa ba ka kgona go itirela bokamoso, a tlatsa ka gore lenaneo la ga Tautona la constutiency tournament ga le kake la atlega mo motseng wa bone ka le batla batsaya karolo ba eleng banana.
Rre Digangwa gape a re, go na le letlhoko la mafelo a boitapoloso mo kgaolong ya bone, mme seo se direla banana mathata ka ba felela kwa dibareng go na le go dira sengwe se se ba ntshang mo boraing.
Rre Johannes Monametsi o kopile ba lephata la banana go ba etela le go ba ruta ka ditirelo tsa bone mme o bile a kopa gore ba nne le modiredi mo motseng wa bone.
Rre Tumelo Dube le Kago Letshwenyo bone ba re komiti ya banana e ka ba kgontsha gore ba thusane, ba tlatsa ka gore letlhoko la kgolagano e e siameng ya mananeo a banana ke lone le bakang tiego ya tswelelo pele ya bone.
E rile Tona Kgathi a ba araba, a supa fa lephata la gagwe le tsere tshwetso ya go isa babereki ba lephata kwa dikgaolong go thusa banana ka mananeo a bone mme seo se tla araba selelo sa bone sa babereki ba ba tlhaelang mo metseng ya bone.
O kgothaditse banana go emisa go fela pelo fa ba kopa dithuso kwa diofising tsa banana go fitlhelela ba bona se ba se batlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Mar 2014






