Breaking News

Kgotla ke pinagare ya morafe

11 Mar 2014

Go kaiwa fa bontsi jwa batho ba Malwelwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba sa itse mosola wa kgotla.

Seo se boletswe ke kgosi ya motse oo Rre Bokau Tobe mo puisanong bosheng. Kgosi Tobe o tlhalositse gore ka Setswana, kgotla ke lefelo le le nang le seriti mme a re sebe sa phiri ke gore kwa Malwelwe ga e tsewe ka tlhwaafalo.

Kgosi o buile a menne phatla ka go nna maoto a tshupa ga morafe wa Malwelwe go tsaya karolo mo ditirong tsa kgotla. A re kgotla ke lefelo la botlhokwa ka e le pinagare ya morafe e bile e le motheo le modi wa ditiragalo tsotlhe tse di amang morafe.

O supile fa morafe wa Malwelwe o sa tlhaloganye mosola wa kgotla. A re seo se itshupa ka go tlhoka go tsena diphuthego tsa kgotla ga morafe, a bolela fa seo se baya motse wa bone ka fa mosing.

O tsweletse a tlhalosa fa go ngomola pelo go bona morafe o tla ka dipalo tse di kwa tlase kwa diphuthegong tsa kgotla. Kgosi Tobe o ne gape a supa fa go sa tseyeng kgotla ka tlhwaafalo go baka gore morafe o salele kwa morago.

O boletse fa tshwaragano fa gare ga morafe le bogosi e le botlhokwa e bile motse o ka se tlhabologe fa morafe o sa tseye kgotla ka tlhoafalo.

Kgosi a re kgotla, fela jaaka ditlamelo tse dingwe e ka nowa moro, a bolela fa Batswana ba ka ithuta go le gontsi kwa kgotleng jaaka ngwao, ditso le tse dingwe tse di mosola mo morafeng.

Kgosi Tobe a re kgosi le kgotla di goga kwa pele mo go bopeng morafe ka jaana lefoko la kgosi le agelwa mosako.

O ne gape a tlatsa ka gore Batswana ba tlhaloganye gore seriti sa Motswana ke ngwao mme bogosi jone ke pinagare ya morafe, ke ka moo, mo setswaneng go nang le kgotla.

A re kgosi thotobolo e olela matlakala, ka jalo kgosi a kopanya morafe ebile e rwele maikarabelo a go bona gore morafe o tlotla kgotla. O buile a sa kgale mathe ka fa a sa itumeleleng seabe sa morafe wa Malwelwe ka teng, ka ba itlhokomolosa boleng jwa kgotla.

Kgosi Tobe o ikuetse mo morafeng wa Malwelwe go ikitaya ka thupana mme ba tseye kgotla ka tlhoafalo go tlhaloganya mosola wa yone gammogo le go e fa seriti. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 11 Mar 2014