Khansele ya Palapye e thusa batlhoki bana ba le 1 851
11 Mar 2014
Dipalo tsa batho ba ba thusiwang ke puso di kwa godimo mo kgaolong potlana ya Palapye, le mororo modulasetilo Rre Onneetse Ramogapi a supile fa dithuso tsone di goroga sentle kwa go ba di ba lebaneng.
Rre Ramogapi o supile se mo phuthegong ya khansele potlana ya Palapye bosheng. A re khansele potlana e thusa batlhoki ba le 1 503, ba nakwana ba le 1 482, bana ba ba nang le letlhoko ba le 43, balwetse ba ba tlhokomelelwang kwa malapeng gammogo le bana ba dikhutsana ba le 1 851.
Modula setilo a re go lemogilwe fa tiriso ya dikarata tse di rekang e ne e ya bokhutlong ka Phalane ngwaga o o fetileng, mme tsa okelediwa tiriso go fitlhelela ngwaga ono wa madi o wela.
Rre Ramogapi o ne a re khansele e tsweletse ka go tlhaelelwa ke dikarata tsa theko, ka jalo go bonya go di abela ba ba tshwanetseng go di abelwa mme go a lekwa gore ba di bone.
Rre Ramogapi o ne a supa fa khansele e tsweletse ka go tlhabolola bana ba dikhutsana ka go ba isa kwa mafelong a a faphegileng go ya go ba rutuntsha jaaka ba ne ba isa ba le 35 kwa Khwai, kwa lefelong la diphologolo la Moremi, kwa ba neng ba rutwa go bala le go kwala teng. Bana bao ba lekwalo la bosupa , ba ne ba tswa mo mafelong a a farologaneng a supa , ba tlhokomedi ba ba bone ba ne ba rutuntshiwa kwa motseng wa Maunatlala.
Khansele e ne ya seka ya iteela ntle bana ba ba nang le diemo tse di thata tsa botshelo, ba dingwaga tse 6 go ya go 9, ka ba ne ba isiwa kwa Radisele le Seolwane go ya go rutuntshiwa teng, ba tswa mo metseng ele merataro. A re thutuntsho eo, e ba tswetse mosolo ka maduo a yone a bonala.
O ile a tsaya sebaka go leboga botlhe ba ba tsentseng letsogo mo go thuseng batho ba kgaolo ya Palapye ka matlo, badirela puso le madirelo a a ikemetseng le a a tlhakanetseng ditsamaiso le puso.
A re matlo ao, a aname le metse e e agang Palapye le ene Palapye o bonye sengwe mo kagong ya matlo ao.
Modulasetilo o ne gape a itebaganya le ditiro tse di tsweletseng mo kgaolong tse a rileng di lesome le bobedi . A re tsone ke ya go nosetsa ditshipi kwa Radisele, ya matlalo kwa Lerala, ya go roka mo Palapye le Lerala, ya kapii ya borotho kwa Malaka le Lecheng fa ba Mokungwane bone ba ruile dipudi, mo Palapye ele ditshingwana tse a reng di dira sentle thata, kwa Ratholo mongwe a dira diice pop.
Rre Ramogapi a re ditiro tseo ,di fetotse seemo sa matshelo mo go bao ba ba di abetsweng le ba malwapa a bone.
A re ke maikaelelo a khansele go thusa go bapatsa bao ba ba thusitsweng ka nako ya letsatsi la baji bareki le la ipapatso ka ba kgona go rekisa di tsa bone.
O tsweletse a re mo ngwageng o o fetileng ka Phukwi, tiro ya matlalo ya Lerala e ne ya emela kgaolo kwa Gaborone mme ya bona dikatso tsa P10.000, fa godimo ga moo, thekiso ya dithoto tsa letlalo le yone ya nna teng ,a tlatsa ka gore se se ne sa dira botsalano le bagwebi ba ba tswang kwa ntle ka dilwana di ne di kgatlhisa leitlho felathata.
Rre Mogapi a re lenaneo la twantsho lehuma le tsweletse sentle mo kgaolong mo ditirong tse di farologaneng.
A re batho ba le 124 ba kgonne go thusiwa ke ba boipelego, mme ba kgonne go rutuntsha ba le 62 mo ditirong tse di farologaneng jaaka go dira moriri, kapai ya borotho, go roka, go apaya le go rekisa dijo.
A re batho bao, ba neetswe go jesa dikole borotho le go di rokela paka ya sekole kwa metseng ya bone, seo ele gone go batiisa moko gore ba itshetse.
O tsweletse a re dingwe tsa ditiro tseo di kgonne go thapa banana ba bangwe.
A re maikaelelo ke go rutuntsha bao ba ba setseng pele ga ngwaga one wa madi o wela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 11 Mar 2014






