Merafhe o galaletsa monana
11 Mar 2014
Mothusa tautona wa pele, Lt Gen. Mompati Merafhe o galaleditse Rre Bakang Letshwenyo, monana mongwe yo o supileng lorato mo baneng ba legae la SOS.
Fa a bua ka Matlhatso, Mopitlo a tlhola malatsi a roba bonedi morago ga mogwanto wa dikhilomithara di le masome a mane le botlhano, o o neng o rulagantswe ke monana yoo, Lt Gen. Merafhe a re o supile gore etla nna moeteledipele wa motia wa kamoso.
Lt Gen. Merafhe a re monana yo, yo o dingwaga di masome mabedi, o gaisitse bale bantsi ka banana gantsi ba ganelela kwa dinkgong, a tlatsa ka gore o tlhokwa go lebogwa.
Mothusa tautona wa pele, yo le ene a nnileng le seabe ka go ntsha dikete tse pedi tsa dipula go tlatsa madi a a kokoantsweng, o ne a kopa monana yoo go tswelela ka tiro e ntle eo.
Fa a tswa la gagwe morulaganyi wa mogwanto o o simolotseng kwa motseng wa Palapye go goroga kwa kgotleng e tona ya motse wa Serowe, Rre Letshwenyo, o tlhalositse fa a gwethilwe ke dilo tse dintsi go dira tiro e.
Dingwe tsa dilo tse a di nankotseng ke lorato le a nang le lone, a tlhalosa fa ba kile ba bo ba na le setlhopha se se neng se thusa batho ba ba tlhokileng lesego le ba ba kobodikhutswane.
Ka one mokgatlho o, a re ba kile ba thusa bana ba SOS. O ne a tswelela ka go supa fa gape a kile a kgatlhwa ke potsolotso nngwe mo thulaganyong ya thelebisene ya setshaba ya ‘The Eye’, e mo go yone go neng go buiwa ka botho jwa ngwana.
A re mo go yone thulaganyo eo, mankge mongwe wa dithuto kwa BIUST o ne a botswa fa a bona banana ba ka kgona go isa lefatshe golo gongwe.
Go ya ka Rre Letshwenyo, mankge yo o ne a tlhalosa fa ene a sa dumele fa gona le monana yo o ka isang lefatshe kwa mankalenkaleng ka mabaka a a neng a baya pele.
Rre Letshwenyo a re o ne a kgothala thata, abo a ikana gore otla mo fa tshepo ya gore gona le banana ba ba molemo ba ba ka isang lefatshe le golo gongwe.
A re ka tiro e, o ne a supa gore banana ba ka tswa kwa morago ba thusa setshaba sa lefatshe leno, a tlatsa ka gore mo lefatsheng ka kakaretso batho ba le bantsi ba dirisa talente tsa bone go fithelela ditoro tsa bone.
Rre Letshwenyo a re tiro e ya gagwe o e simolotse ngwaga oo fetileng ka go dira mmabontle wa bana ba lelwapa lwa SOS. A re bana ba SOS le bone ba tshwanetse go akarediwa mo ditirong tsa setshaba ka le bone ele baeteledipele ba kamoso.
Go dira tiro ya mothale o, a re go batla motho yo o pelotelele ka e le boithaopo, ebile e batla nako e ntsi le ditsompelo tse dintsi. O ne a kopa gore madi ao a dirisiwe mo go rekeng didirisiwa tsa thuto jaaka dibuka.
Madi otlhe a a kokoatsweng ke dikete di roba bobedi le makgolo a matlhano a dipula. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Mogwanto wa go kgobokanya madi
Date : 11 Mar 2014






