Molaodi o lela ka go thubega ga malwapa
11 Mar 2014
Mothusa molaodi mo kgaolong ya Kgalagadi borwa, Mme Peggy Kutlase o ngongorega ka dipalo tse di ileng magoletsa tsa go thubega ga malwapa le ditlhalano.
Mme Kutlase o ntshitse ngongorego e jmo potsolotsong bosheng, a kaya fa banyalani bangwe gantsi ba tsena mo lenyalong ba lebile gore bakapelo ba bone ba itsholetse go le kae, mme go sena lerato la nnete.
O tlhalositse fa gantsi go thubega ga malwapa go bakiwa ke dithoto, go lobiwa ga bana gammogo le batsadi ba ba tsenelelang mo manyalong, ba ba felelang ba batla tlhokomelo e e feteletseng bogolo jang batsadi ba bana ba basimane, ba itlhokomolosa gore bana ba bone ba nyetse.
A re mabaka a mangwe a akaretsa letso, seemo sa mogare wa HIV le jone bolwetse jwa AIDS, go sa dumalane mo go tsa tlhakanelo dikobo, go tlhoka go tlotlana le tiriso ya matlhapa. O tsweletse a re, fa gongwe banyalani ga ba kope dikgakololo mo batsading, baruti le ditsala tsa bone go ba thusa go rarabolola mathata a bone.
Mme Kutlase a re morago fa dikgang di kukela, ba ikuele kwa dikgotla tshekelo, mme e re di ketefalela bomakasetarata banyalani ba felele ba kgaogane ka fa molaong.
O tsweletse ka go kaya fa go tlhoka kutlwisisano mo malwapeng a banyalani go ama bana, ka mo gongwe ba kgona go tlhokelana botho fa pele ga bone.
A re bana ga ba gole sentle, le maduo a dithuto kwa sekolong a wela tlase.
Mme Kutlase o gakolotse fa tshidilo maikutlo pele ga lenyalo e ka thusa go emelana le diemo le tsone dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
O kopile baruti, dikgosi le batsadi go laya banyalani le go ba bontsha tsela mo lenyalong, a kaya fa nyalo e se diketo.
A re lenyalo ke mpho ya Modimo mme e tlhoka go somarelwa. O gakolotse gore kgolagano ya lenya lo e tlhokana le lorato lwa boammaruri, bopelotelele,go tlotlana, therisano, boineelo mo godimo ga gore o bo o itse e bile o tlhaloganya motho pele ga sengwe le sengwe.
Go ya ka mothusa molaodi Rre Patrick Isaac, go simologa ka ngwaga wa 2011 go fitlha ngogola ba nyadisitse manyalo a le lekgolo le masome a matlhano le bone, a mo go one a le masome a mabedi le bobedi a setseng a tsogetswe ke medumo.
A re kgang e nngwe e tshwenyang mo malwapeng ke borre ba ba kgokgontshang bomme ba bone ka go ba keteka, a supa fa bomme ba tle ba leke go itshoka mme e re ka setlhako se babalela morwadi, ba felele ba dule mo lenyalong.
Rre Isaac o ne a gatelela thata gore pele ga banyalani ba tsena mo lenyalong, ba kope dikgakololo mo baruting, dikgosi le bone balaodi go ba sedimosetsa ka boleng jwa lenyalo le gone ka fa ba ka tiisang manyalo a bone ka teng.
O supile fa dikgosi di ka thusa banyalani go tlhaloganya molao le tsamaiso ya lenyalo la Setswana, fa bone e le balaodi ba ka sedimosetsa banyalani ka molao le tsamaiso ya lenyalo la sekgoa, a tlatsa ka gore dikgakololo tsa baruti di ka thusa thata ka di ikaegile ka baebele, ka lenyalo le simologile ka Adam le Efa, seo ele thato ya
Modimo gore ba age lelwapa, ba tshele mmogo ka lorato lwa nnete. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 11 Mar 2014






