Breaking News

Makhanselara a rotloetsa ngwao

10 Mar 2014

Diotele  di kgothaditswe go rotloetsa badiragatsi ka go reka dilo tse ba  di bopang  kgotsa ba di logang tsa ngwao.

Mokhanselara wa Makalamabedi Rre Moetetsi Mogalakwe o ntshitse kopo eo bosheng kwa Maun mo letsatsing la go ipela ka dilo tsa tiro ya diatla tse di betlilweng le tse di logilweng, e e neng e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng  ‘Tlotlomatsa tiro ya diatla mo gae.’

Rre Mogalakwe a re badiragatsi ba mo gae ba dira tiro e ntle fela thata ya go itlhamela mebereko le go tsholetsa ngwao ka nako e le nngwe. O tladitse ka gore morafe wa Nhabe o tswa goo-lowe o ntse o  tsholetsa ngwao ya one e e supang  nonofo le botshelo jwa one.

O file sekai  ka go loga ditlatlana mo  go bonwang thata gone kwa Nhabe. A re go loga ditlatlana go  tokafetse e  bile go okile batho ba le bantsi mo dingwageng.
A re tshaba e e senang ngwao ke mokang e latlhegileng, a tlatsa ka gore ke boammaaruri ngwao  ke boswa jo Batswana botlhe  ba tshwanetseng  go nna le jone.

A re mongwe le mongwe  o na le seabe  sa  go  somarela ngwao a bo a e dirisa go nyeletsa lehuma ka go  tlhama mebereko. Rre Mogalakwe a  re mohama wa bojanala o beilwe sentle go rotloetsa babetli  le balogi ka go reka dilo tse ba di betlang ebile ba di loga.

O gwetlhile  batsaya- karolo ba bangwe go thusa bagwebi ba ba botlana fa ba kgonang  teng. Fa a tswa la gagwe  Rre Mogomotsi  Madome o galaleditse  badiragatsi  ba Ngamiland go bo ba tokafaditse  dilo tse ba di logang le tse ba di betlang.

A re maiteko a puso a go bona gore badiragatsi ba a gola e bile ba a bonala, a tswa maduo ka gonne go le gontsi go tokafetse mo tirong ya diatla mo kgaolong ya Ngamiland. O tsweletse a rotloetsa batsaya -karolo ba bangwe go rotloetsa  badiragatsi eseng  fel a ka  go  ba bolelela  fa ba dira tiro e ntle  mme le ka go ntsha madi go reka tse ba di dirang.

Rre John Fella , mogolwane wa museum wa Nhabe,o gwetlhile  mongwe le mongwe go atla botlhokwa jwa bodiragatsi le ngwao mo Botswana. A re bodiragatsi ke se se simologileng mo malwapeng a rona.

A re, bogologolo  batho ba ne ba itirela didirisiwa tsa go apaya le go ja. Gompieno  bodiragatsi  bo  gola e le  karolo nngwe ya ngwao ya rona mme bo lemogiwa ke batho ba le bantsi mo lefatsheng  ka bophara.

A re badiragatsi ba Batswana ba okile  barati ba bodiragatsi go tswa kwa mafatsheng a mangwe, a tlatsa ka gore mo nakong eno ba bereka le ba  ngwao ba Canada kwa Shakawe, Etsha le Gumare go tsholetsa  bodiragatsi  le ngwao mo Botswana.

O supile gape gore ke tsela nngwe ya go rotloetsa  bodiragatsi  le ngwao,  bodiragatsi bo  dirilwe nngwe ya dithuto mo Botswana go kgona go bopa  badiragatsi go tswa  bonyennyaneng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MAUN

Event : Letsatsi la go ipela ka dilo tsa tiro

Date : 10 Mar 2014