Barui ba kopilwe go nna boikanyego
10 Mar 2014
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Komana Rre Ikanyeng Pelonomi o ngogoregile ka batho bangwe ba a reng ba ja puso ntsoma ka go rekisa dihutsane tse e seng tsa tlhwatlhwa.
O buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa temo thuo Rre Oreeditse Molebatsi, a tlhalosa fa go dira jalo go busetsa morago maiteko a mantle a puso a go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo mo setshabeng.
A re batho ba ba rekisetsang puso leruo ka lenaneo la LIMID, ba okeletsa baikopedi lehuma ka go ba rekisetsa dipotsanyane le dipudi tsa mekoduwe, a tlhalosa fa dingwe di felela di swa.
Rre Pelonomi o kopile morafe go emisa seo, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go itse gore puso e senyegelwa ke madi go thusa bao ba ba kobo dikhutshwane, mme a ba rotloetsa go rekisa dihutsane tse di duleng diatla.
O ikuetse le mo bareking ba puso go tsenya leitlho fa ba reka ka jaana bangwe lenanao le sa ba sologele molemo ka mo nakong e khutshwane ba sala ba iphotlhere, leruo le sule lotlhe.
E re ka tona a ne a rotloetsa banni go inaakanya le temo gore ba kgone go ijesa, banni ba ne ba amogela kgakololo mme ba lela ka gore ba nale poifo ya gore le fa ba ka iteka ba tla tswa fela ka ba tlhorontshiwa ke ditlou.
Ba re gompieno masimo a fetogile dikgwa fela. Ba re temo ba e lekile ka lobaka mme gompieno ditlou di ba phuthile mabogo fela ka jaana ba lemela tsone.
Banni ba kopile puso go batla methale ya go koba ditlou pele ga ba ka tsenya madi a puso ka motlhoboloko. Mme Gaokgakala Tlou a re, o tswa kagakala a inosa metsi ka temo mme jaanong ditlou di ba tshedisetsa mo kgobedung ka le terata ya gagwe di e kgaotse.
A re se se ngomolang pelo ke gore puso e tsweletse ka go ba fa dipeo le menontshane mahala, mme jaanong o bona go le botoka gore a seka a senya thuso eo ka go lemela diphologolo.
Rre Moengele Kodutona ene, o tshwaetse ka gore fa ba ne ba ka letlelelwa go bolaya ditlou tse di ba tlhorontshang, ba ne ba ka lema ba ijesa ba bo ba jesa lefatshe leno.
A re lefatshe la bone le siametse temo mathata ke diphologolo, a tlatsa ka gore maiteko a go koba ditlou ka pherefere, ga a tswe tema. Fa a tsibogela dikgang tseo, mothusa tona Rre Molebatsi o ne a supa fa go ja puso ntsoma e le tshenyetso setshaba e e mo mpepeneng. O kopile ba ba rekang go ela selo seo tlhoko.
Ka kgang ya ditlou o boletse fa puso e tlhaloganya kgang eo e bile maiteko a dirwa go e rarabolola. A re puso e sekasekile phimolo dikeledi ya ba ba senyediwang ke diphologolo, a tlatsa ka gore fa di upuditse tshimo molemi o tla a duelwa selekanyo sa tshenyo.
Fa tau e jele poo molemi o tlaa duelwa P5500, fa e jele ya morobanyana o tlaa duelwa P3000, mme tonki yone e tlaa duelwa P200. Rre Molebatsi o ba rotloeditse go inaakanya le temo a supa fa dinawa le lebelebele di dira sentle mo kagolong ya Ngamiland.
E ne e rile a amogela baeng, kgosi ya motse Rre Omphile Bogoma a lela ka lenyora le le apesitseng banni kobo ka letshoba, a tlhalosa fa ba kgona go nna dibeke ba sa nwe metsi.
A re bangwe ba felela ba inwela kwa nokeng le ntswa seo se baya matshelo a bone mo diphatseng tsa malwetsi. Ba komiti ya ditlhabololo bone ba ne ba supa lekgotla la kabo ditsha ka monwana ba re le goga dinao go abela banni ditsha.
Ba ne ba kopa gape gore kgotla yabone e godisiwe ka jaana e okametse metsana e le mmalwa. Ba ne ba lela gape ka ntlo ya mokenti gore e mo seemong se se maswe le gone gore bodirela puso ga bona boroko. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : KOMANA
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 10 Mar 2014






