Ba le 26 000 ba ikopetse Tirelo Setshaba
10 Mar 2014
Tona wa Banana, Metshameko le Ngwao Rre Shaw Kgathi a re lenaneo la Tirelo Setshana le le simololang kgwedi ya Moranang e rogwa le bone dikopo di le 26 000 mme mo go tsone banana ba le 15000 e le bone ba tlaa simololang go tsaya karolo mo go lone.
Rre Kgathi a buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Oodi le Bokaa bosheng. A re Tirelo Setshaba ya gompieno e pharologano ka gore ga e patiki ope, e bile bana ga ba sa tlhole ba kgaoganngwa le batsadi le masika a bone.
A re pele, ngwana o ne a isiwa kgakala le kwa ga bone mme a kopane le dingwao tsa merafe e sele, mme fa gongwe a palelwe ke go tshela sentle koo. Rre Kgathi a re gompieno bana ba tla bo ba bereka ba le mo tlhokomelong ya batsadi ba bone mme e bile go sa tlhokafale gore ba hirise matlo.
O ne a tlatsa ka gore batsaya karolo mo lenaneong le ba tlaabo ba atswiwa ka madi a a kana ka makgolo a supa a dipula mme mo go one, makgolo a mabedi a dipula ba tla bo ba a bolokelwa gore fa ba tlogela ba kgone go ithusa.
O ne gape a supa fa lenaneo leo le tsenelelwa ke banana ba dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le masome a mararo mme a supa fa yo o batlang go tlogela ka mabaka a sekolo kgotsa tiro a tla supa mme a letlelelwe go dira jalo.
Tona Kgathi o kopile banana go dira ka natla mo lenaneong leo, a tlatsa ka gore fa ba ka tshamekela mo tirong ba tla tshwanelwa ke go arabela maitsholo a go nna jalo, bogolo jang ka dikopo di le dintsi tsa batho ba ba batlang go bereka.
Le fa go ntse jalo, tona o ne a lemotsha badirelapuso botlhokwa jwa bana bao mme a ba kopa go ba thusa ka fa ba ka kgonang ka teng, e seng go tlhola ba ba romile manyonyomane le mapakiwa.
A re ope yo o ka tlolang tumalano e, o tlaa tseelwa dikgato tse di maleba, a tlatsa ka gore bagolwane ba maphata ba tshwanetse go ruta bana bao tiro gore fa ba seyo, Batswana ba tswelela ka go thusiwa.
Tona o ne a supa fa lenaneo le le tla sologela setshaba mosola ka gore tlhaelo ya bodiredi e tla fokotsega mme Batswana ba bone ditrirelo ka nako. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : OODI
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 10 Mar 2014






