Moepo wa Jwaneng o tla a tshwara ditshupo
10 Mar 2014
Moepo wa diteemane wa Jwaneng o tla tshwara ditshupo tsa Mining and Technical Expo MTE, Mopitlwe a tlhola malatsi a le lesome le boraro.
Ditshupo tse , di solofetswe go ngoka basupi ba ba dirang ka maranyane a masha gammogo le dilo tse dingwe tse dintsi tse di amang moepo.
Mo nakong eno, go setse go beeleditse dikompone dile masome a mabedi le bosupa go tswa mo kgaolong ya borwa jwa Aferika go tla go supa di tsa bone.
Mogolwane wa MTE, Rre Andrew Macnamara o tlhaloseditse ba BOPA gore barulaganyi ba ditshupo tseo ba bone Jwaneng a tshwanelwa ke go nna lefelo le go ka tshwarelwang teng ditshupo ka gonne ke lefelo le moepo wa teemane o leng kwa go lone.
A re le ntswa ele lefelo le le itsegeng, Jwaneng o tsile go fa batsaya karolo sebaka sa go tsenelela ditshupo ba bo ba lebelele maranyane a masha a a tla bong a supiwa.
Rre Macnamara a re mo dingwageng tse di masome a mabedi le bongwe tse mo go tsone MTE e ntseng ele teng, e ntse e rulaganya ditshupo eseng fela mo Aferika Borwa le mo meepong e megelo go dikologa borwa jwa Aferika. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : JWANENG
Event : Potsolotso
Date : 10 Mar 2014






