Tshenyetso setshaba e atile
10 Mar 2014
Go bolelwa fa tshenyetso setshaba mo lefatsheng la Botswana, e le ntsi thata.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane go tswa kwa ofising e e lwantshang tshenyetso setshaba ya DCEC Mme Gabaditlhong Vranken, kwa thuto puisanong ya maloko a dikomiti tsa VDC kwa Ramotswa bosheng.
Mme Vranken o supile fa tshenyetso setshaba e le go lopa motho mongwe gore a go direle sengwe, o mo tshepisa sengwe, ka go dira jalo go tla a dira gore motho yo o a felele a itlhokomolosa tsamaiso.
O boletse fa gantsi puso e reka di dirisiwa tsa Ipelegeng go emisetsa tse di utswilweng, ka jaana maloko a VDC a na le mokgwa wa gore ba senya ba bo ba re ba ja maanapo. Mme Vranken o boletse fa tshenyetso setshaba e simologa e le nnye, mme e felele e gola mo e ka phutlhamisang itsholelo.
O kaile gore fa motho a ikwalela dioura tse e seng tsone, go nna le dithoto tse a ka se di tlhaloseng gore o di bonye jang, a utswa dithoto tsa puso le go sa dueleng makgetho e le tshenyetso setshaba, mme motho o ka sekisiwa a bo a bonwa molato.
Mme Vranken o tlhalositse fa mehuta ya tshenyetso setshaba e le mentsi, mme gantsi e bakwa ke bopelotshetlha, lehuma, kgaisano, go tlhoka boikarabelo, boeteledipele jo bo sa nonofang le gone go tlhoka go direla dilo mo pontsheng.
O ba kopile gore fa ba bona motho a senya go le gonnye ba mo kgalemele go sale metsi, gore a tle a seka a tswelela ka mokgwa oo.
O boletse fa ditlamorago tsa tshenyetso setshaba e le go diga seriti sa lefatshe le gone go phutlhamisa itsholelo.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la go dupa dibuka tsa khansele Rre Tebogo Kadikwa, a re go ruta motho go tshwara madi ke tiro e ntsi, e e tlhokang nako e ntsi.
O boletse fa dikomiti tsa VDC di na le melawana e e ba tsamaisang, mme ba dirisa yone melawana e, go dupa dibuka tsa VDC.
O kaile gape fa ba sena kitso ya go batlisisa tshenyetso setshaba, jalo a ba kopa gore fa ba belaela sengwe ba bolelele ba boipelego pele ga seemo se nna maswe.
E rile ba mo kgwa kgaba, batsena thuto puisano eo ba tlhalosa fa maloko a VDC ba itsewe ka go ja madi, mme ba ne ba dirwa ke go sa itse tsamaiso sentle.
Maloko a VDC a kopile bakaulengwe ka bone go isa madi a VDC kwa dibankeng, le go baya diresiti tse ba rekang ka tsone sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Thuto-seka-dipuisanyo
Date : 10 Mar 2014






