Breaking News

Go ikitse seemo go botlhokwa

10 Mar 2014

Mme Naomi Bannenyane wa Ghanzi o kgothaditse banana go amogela seemo sa bone sa mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS.

Mme Naomi Bannenyane a re go tshela ka mogare ga go reye gore botshelo bo fedile, ke fela gore batho ba ikamogele gore ba bangwe ba tle ba ba amogele. O ne a bua ka letsatsi la segopotso sa mogare wa HIV/AIDS kgatlhanong le monana kwa Ghanzi bosheng.

A re ene o tshela ka mogare wa HIV mme e bile o ikamogetse, a bo a tswela mo pontsheng ka seemo sa gagwe, a re o batla go rotloetsa le go supetsa banana gore mogare ga o emise botshelo.

O kgothaditse banana ba Ghanzi gore ba itlhatlhobele mogare nako e sa ntse e le teng gore ba tle ba kgone go thusiwa nako e le teng, le gone go tsaya kalafi ka nako. Mme Bannenyane a re go ne go se thata gore a ikamogele ka ba lelwapa la gagwe ba ne ba mo eme nokeng fela thata.

A re e rile pele a ka itse seemo sa gagwe, a buisana pele le ba lelwapa la gagwe mme ba mo ema nokeng, a tlhalosa fa seo ele sone se dirileng gore go nne motlhofo go tswela mo pontsheng ka seemo sa gagwe sa mogare ka a utlwile kemo nokeng ya bone e mo nonotsha.

O kgothaditse batsadi go ema bana ba bone nokeng mo diemong tsotlhe fela tse ba kopanang le tsone, a tlatsa ka gore le fa ba le mo diemong tseo e ntse ke bana ba bone.

Mme Tshoganetso Mahupe, mogokaganyi wa ditirelo tsa HIV/AIDS mo kgaolong ya Ghanzi, o ne a gatelela kgang ya gore banana ba itlhatlhobele mogare ba bo ba itse seemo sa bone.

A re ka e bile Ghanzi o supagetse a gatisa dipalo tse di kwa godimo fela thata tsa bolwetsi, fa banana ba ka rotloetsega go itlhatlhoba, ba bo ba ikgapha, e ka nna selo se se molemo thata.

A re ba ka fitlhelela moono wa gore e re ka 2016 a bo go sena bolwetsi jo bosha jo bo gatisiwang; go sena kgethololo gape go sena dintsho tse di amanngwang le bolwetsi jwa AIDS; fela fa ba ka fetola boitsholo fa go tla mo dikgannyeng tse di amanang le bolwetsi jwa AIDS. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omogolo Hans

Location : GHANZI

Event : Banana kgatlhanong le HIV/AIDS

Date : 10 Mar 2014