Kgokgontsho e tlhoka ditlhotlhomiso
10 Mar 2014
Kgosi ya Lerala, Kgosi Sello Moroka, o gwetlhile puso go tlhama lekalana le le itebagantseng le go tlhotlhomisa borukutlhi jo bo tsweletseng pele jwa kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana.
Fa a bua kwa letsatsing la mafatshefatshe la bomme kwa Lerala ka Labone, Kgosi Moroka o boletse fa kgokgontsho e le matswakabele, ka jalo e tlhoka ditlhotlhomiso tse di tseneletseng.
Kgosi Moroka a re bontsi jwa dikgang tsa kgokgontsho di a tlhotlhomisiwa mme di felele mo phefong ntswa go na le bosupi, a tlhalosa fa se se kaya fa tota ba sepodise ba ka seke ba kgone tiro e ba le nosi.
O ne a ntsha sekai ka motse wa Lerala, a bolela fa a itemogetse fa go na le dikgang tsa kgokgontsho, bogolo jang ya bana ba basetsana, mme bontsi jwa tsone di felela di sa ye dikgotla tshekelong ka gore ba ba amegang ba felela ba gana ka bosupi kana ba sepodise ba lekile go tlhotlhomisa mme ba retelelwe ke go bona bosupi.
A re bangwe ba ba amiwang ke kgokgontsho ba felela ba sa ntshe bosupi ka ba a bo ba ikaegile ka ba ba ba kgokgontshang mme seo se busetse ditlhotlhomiso kwa morago.
O ne a itumelela setlhogo sa monongwaga sa letsatsi la bomme se se reng ‘tekatekano ya bomme ke kgatelopele ya botlhe’, a bolela fa se lebanye ka se supa fa bomme ba tshwanelwa ke go fiwa sebaka gore lefatshe leno le gatele pele.
Kgosi Moroka o rotloeditse tshaba ya Botswana go bopagana mo go emiseng tse di ka kgoreletsang phitlhelelo ya bomme, jaaka ngwao ya Setswana, e go supagetseng fa go na le dilo dingwe mo go yone tse di tshwanelwang ke go sekasekwa.
Mogolwane wa lephata la tsa bong, Mme Valencia Mogegeh, a re puso e gatetse pele mo dikgannyeng tsa tekatekanyo ya bong.
A re mo nakong e e fetileng batho ba le bantsi ba ne ba sa tlhaloganye go le gontsi fa go buiwa ka tekatekano ya bong mme mo malatsing a gompieno ba a tlhaloganya ebile ba kgona go bua ka tsotlhe tse di amang bong.
A re go le pele, e ne e re fa go buiwa ka tekatekano ya bong go bo go na le bangwe ba ba buang dikgang tsa tshotlo, a tlatsa ka gore mo malatsing ano go fetogile.
Mme Mogegeh o boletse fa palo ya bana ba basetsana ba ba simolodisiwang mo dikoleng tse dipotlana e tsamaya kwa go masome a ferabongwe le botlhano mo lekgolong, a kaya fa se ele kgatelopele fela e e kwa godimo, ka se se bakile phokotsego ya pharologanyo ya dipalo tsa bana ba basimane le basetsana mo dikoleng.
Fa a ntsha la gagwe, molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye, Mme Veronica Rabakane, o boletse fa mo kgaolong ya Serowe/Palapye go na le mekgatlho e le mentsi ya bomme e e dirang go tlala ka diatla.
Mme Rabakane a re go na le bomme ba ba ipopileng setlhopha kwa motseng wa Manaledi mme ba itshetsa ka go bopa dilo tse di farologaneng ka letsopa.
A re mo motseng wa Lerala gone, basadi ba ipopile mme ba dira dilo di tshwana le melora le tse di tlolwang ka morula fa mme mongwe ene a roka dilwana tsa letlalo.
O ne a rotloetsa bomme go ema ka dinao go tsenelela mananeo a a ka ba thusang go itshetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Letsatsi la mafatshefatshe la bomme
Date : 10 Mar 2014






