Puso o lekola morafe
10 Mar 2014
Kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso, a re o ipeetse seelo sa go tshwara diphuthego mo dikgotlaneng di le nne ngwaga le ngwaga, go lekodisa morafe wa gagwe ka seemo sa ditlhabololo, le go gakololana ka tse di ka dirwang.
Kgosi o buile se, fa a ne a lekola morafe wa gagwe mo kgotleng ya Thethe kwa Tlokweng, ka Matlhatso, Mopitlo a tlhola malatsi a robabobedi. O supile gore fa dikgang di le teng mo bathong, ba ka di kgona fela ka go di tshwaraganela, ba di rarabolola.
A re ba tlhomile lekgotla la Batlokwa Development Trust gore le ba tlhokomelele dithoto tse di akaretsang lebala la metshameko, tshilo, didiba le tse dingwe, tse ba dumelang gore fa ba ka di dirisa sentle, di ka ba tsisetsa letseno le le tla a felelang le fetola matshelo a bone.
Kgosi Puso o boletse fa ba dirile sengwe le sengwe se se tlhokafang gore ba boelwe ke lebala la morafe, le le neng le kwadisitswe ka fa tlase ga khansele. O tlhalositse fa didiba tse di sa berekeng ba tlaa di tlhabolola gore ba rekisetse ba ba batlang go dirisa metsi a tsone.
Kgosikgolo o boletse gape fa letsatsi la ngwao la Batlokwa, le tlaa tshwarwa kgwedi ya Phatwe e le lesome le borataro, a bo a supa fa a tla a direla bagodi botlhe ba ba Batlokwa dijo tsa motshegare ka kgwedi ya Lwetse, mme ba tshware gape kgaisano ya ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa Tlokweng ka yone kgwedi eo.
Kgosi Puso o boletse fa keletso ya gagwe e le go bona Batlokwa ba na le setlhopha se le sengwe sa kgwele ya dinao, se se tshamekang mo liking e tona.
Mo go tse dingwe, o kaile fa a tshwenngwa ke leruo le le senyetsang balemi temo, a supa fa puso e dirisa madimadi go lemela Batswana gore ba kgone go itirela dijo.
A re matshwenyego a mangwe a matona ke a go rekisiwa ga masimo le go fetolela ditsha tsa bonno mo maineng a sele, a supa fa Batlokwa ba ba dirang jaana, e le bone gape ba ba oketsang palo ya ba ba iseng ba ke ba fiwe lefatshe.
Kgosi o supile gape fa ba tshwenngwa ke dikereke tse di tsenelang mo malwapeng, a bo a bolela fa ba tla a tsaya dikgato tsa semolao go busetsa seemo mo taolong.
O boletse fa dingwe tsa dikereke tseo, di tshuba dikerese mo nageng di bo di tlogela di tuka, bangwe ba kwala difapaano mo ditseleng fa bangwe bone ba tlogela diaparo tsa ka kwa teng mo nageng.
E rile a latlhela la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Tlokweng South West, Mme Norah Nkwe, a bolela fa a tshwenngwa ke seemo sa kokelo ya bone, a tlhalosa fa e na le ngaka e le nngwe fela mme ebile a imelwa ke tiro ka a patelesega go bona balwetse ba feta makgolo a mabedi ka letsatsi; mme ka tshwanelo ngaka e tshwanetse go bona balwetse ba ba sa feteng lekgolo.
Mme Nkwe a re seemo se, se dira gore seemo sa ditirelo tsa botsogo se ye kwa tlase, a bo a supa fa ka dinako tse dingwe ba tlhoka koloi ya go isa balwetse kwa sepateleng sa Princess Marina.
Fela jaaka kgosi, mme Nkwe o supile fa a tshwaenngwa ke seemo se ba khansele ya toropo ba bolelang fa ba tla a gapela barui leruo le le tsenang mo toropong le go ba lefisa P5000.00, a supa fa go tshwanetse ga dirwa morero o o lolameng le morafe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TLOKWENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Mar 2014






