Breaking News

Madi a tshenyo ya diphologolo a okeditswe

09 Mar 2014

Molao o mosha wa phimolo barui dikeledi  fa ba senyeditswe ke diphologolo tse ditona e bile di le borai jaaka tlou le tau, o roletswe  kgaolwana potlana ya Palapye ke ba lekalana la diphologolo le makgabisa naga.

E rile a ba begela kgang eo, mogolwane mo lekalaneng  la diphologolo le makgabisa naga go tswa kwa Serowe,  Rre Thatayaone Tshekiso a re puso e sekasekile selelo sa Batswana, mme ya tsaya  kgato ya gore diphologolo tse di tona di duelelwe tshenyo e di e dirang mo masimong, leruong, maungong  le masingwana a merogo.

Rre Tshekiso a re poo e tlaa duelwa P5 500  fa e bolailwe ke tau, fa tonki yone e tlaa duelwa P200. Mo maungong  ditamati di tlaa duelelwang madi a  a kwa godimo a P100 000, fa tse di kwa tlase e tlaa  nna  maphutshe le magapu ka tsone di tlaa duelelwa P16 500 tema.

Dijalo tse dingwe tse di lemelwang kgwebo jaaka dinawa tsa jugo tsone di tlaa  duelelwa P7 000, fa lebelebele le tlaa duelelwa  P1 800 tema. Mo temong e go lemelwang go jelwa mo ganong  dinawa tsa jugo di ntse di duelelwa madi a mantsi a P4 500  fa lebelebele e le  P700 tema.

Dingwe tsa tse di tlaa duelelwang  fa di sentswe ke diphologolo tse pedi tseo  ke enjene ya sediba, dipompo tsa metsi, reseboa le tanka ya metsi ya jojo. Terata ya mapako e seng kagelelo ka matlhaku le tse dingwe fela tse di amanang le temo tsone di tla duelwa sephatlo mo lekgolong mo tshenyong ya diphologolo tse di umakilweng.

Fa ba tsibogela kgang e, makhanselara wa Maunatlala,  Rre Samuel Morebudi o ne a re puso ga e na therisano le setshaba fa e tsaya di tshwetso, a bo a re diphologolo di sireleditswe go feta botshelo jwa motho. A re go emisiwa ga letsomo ka ponyo ya leitlho ke nngwe ya dintlha tse di supang go tlhoka therisano. O ne a supa fa mo dikgaolong tsa Tswapong ba se na diphologolo tseo tsa botau le tlou mme ba senyediwa ke diphiri le ditshwene.

Makhanselara yo o itlhophetsweng, Rre  Pako Dick ene  a re go tsenngwe ditshenyegelo tsotlhe tsa go isa dilwana kwa di sentsweng teng go tswa kwa lefelong la theko, a re sephatlo se se duelwang seo ke madi a mannye.

Mokhanselara Jordan Makhura wa  Morupule  ene o ne a re diphologolo tse boradipolase ba di ageletseng mo dipolaseng tsa bone ga di laolwe ke puso, di laolwa ke beng , jalo ba itirela go kgona le go rata ka tsone, gape ga ba angwe  ke go emisiwa ga letsomo.

Le ene o ne a kopa tona go dira morero fa go nna le diphetogo mo molaong o o amang setshaba,   a re  puso e reka podi ka P700 jaanong fa e jelwe ke phologolo ga e sa tlhole e le podi ke potsane e duelwa P450.

Bontsi jwa makhanselara ba ne ba supa gore diphologolo tse di umakwang tseo ga di yo mo mafelong a bone, ka jalo ba sekasekelwe  go duelelwa tse di ba senyetsang jaaka diphiri.

Ba re ga ba sa tlhole ba na le dihutshane ka ntlha ya diphiri. Ba tlhalosa fa therisano e nyelela ka monokela mo pusong ya batho ka batho. Makhanselara a mabedi, Rre Kabo Ketshogile wa Lerala le Rre Dithapelo Tshotlego yo o itlhophetsweng, bone ba ne ba re bankabone ba seka ba lebala gore diphologolo tseo le bone ke tsa bone ka e le bontlha bongwe jwa mhama o itsholelo e lefatshe leno  e ikaegileng ka one.

Makhanselara Tshotlego a re fa go buiwa ka bojanala mo  Afrika, Botswana ke lefatshe la bobedi le le bo tlhokometseng  ka manontlhotlho a a kwa godimo, mme fa go se na diphologolo bojanala bo tlaa bo bo se yo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 09 Mar 2014