Dibukana tsa ikwadisetso ditlhopho di nyeletse
09 Mar 2014
Go bolelwa fa dibuka tsa ikwadisetso ditlhopho di le pedi di nyeletse beke e e fetileng kwa Lobatse.
Mo potsolotsong bosheng mookamedi wa mapodisi a District no.4, Mme Oreneetse Mogapaesi o ne a tlhalosa fa ba begetswe kgang eo, e a boletseng fa e diragetse kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le bobedi kwa toropong ya Lobatse.
O tlhalositse fa mongwe wa ba ba neng ba kwadisa ditlhopho a ne a lemoga fa dibuka tsa gagwe tse pedi di nyeletse morago ga gore a di tlogela go ya go kopa tse dingwe, ka tse a neng a di dirisa di ne di tletse.
Mme Mogapaesi a re ba tshegeditse borre ba le bararo ba dingwaga tse di ka tsamaelang kwa go masome a mabedi le motso, masome a mabedi le boraro le masome a mararo le mme wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mabedi.
A re ba sa ntse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso, a tlatsa ka go re babelaelwa ba ka nna ba felela ba isiwa fa pele ga lekgotla la ditsheko. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : LOBATSE
Event : Potsolotso
Date : 09 Mar 2014






