Banni ba Orapa ba lebogela dipula
09 Mar 2014
Jaaka dipula tse di namagadi di tsweletse ka go gosomana lefatshe ka bophara, banni ba Orapa, ba eteletswe pele ke lekgotla la baruti le bogosi ba bone go le botlhokwa go lebogela ditshegofatso tse ka thapelo.
E ne ya re bosheng, mo maitseboeng a Mopitlo a tlhola gane, lekgotla la baruti la tshwara merapelo mo kgotleng ya Orapa go leboga Ramasedi ka dipula tse di dirileng gore naga e apare kobo e tala le gone go tokafatsa seemo sa temo le matshelo a ditshidi tsotlhe ka kakaretso.
Mogolwane wa lekgotla la baruti kwa Orapa, Moruti Mirriam Jaba, a re dipula tse di nang ka matsorotsoro di tlaa dira gore thobo e nametse le lone leruo le kgone go bona phulo.
Dipula tse di dirile gore matshelo a Batswana a a ikaegileng ka temo le thuo a boele mo seemong le gone go tokafatsa seemo sa dijo mo lefatsheng leno.
Moruti Jaba a re go botlhokwa go lebogela Ramasedi dipula tse di tsweletseng ka go kolobetsa lefatshe. O supile fa ngogola Batswana le dikereke ka go farologana ba ne ba ema ka dinao morago ga kopo ya ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ya gore setshaba se rapele go kopa pula ka lefatshe le ne le phaphaletse.
Moruti Jaba o ne a supa fa Batswana ba segofetse ka thapelo ya bone e ne ya phunyeletsa kwa magodimodimong. Mokhanselara wa kgaolwana ya Orapa, Rre Koketso Seloi, o lebogetse Tautona go bo a na le tebelopele le gone go rotloetsa setshaba go lemoga bogolo jwa Modimo; ka a ne a ntsha kopo ya gore go tshwarwe merapelo ya go kopa pula.
Rre Seloi o tlhalositse fa pula e tsile ka nako e e siameng ka gore Botswana o ne a setse a phaphaletse e bile a tlhasetswe ke leuba. O supile fa thapelo e le botlhokwa ka e thusa gore tshaba e nne ka kagiso le go bona tse di molemo, a tlatsa ka go re ga go sepe se se ka siamang ntle le thapelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Precious Bonang
Location : ORAPA
Event : Merapelo
Date : 09 Mar 2014






